Puso e namola barui leuba
04 Sep 2013
Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo ya magae, Rre Olebile Gaborone, a re go supegile fa ngwaga ono e le wa leuba, mme go supega fa seemo se tlaa kokonela barui, a tlhalosa fa P22 million le go feta, a seegetswe fa thoko go itebaganya le leuba.
Mothusa tona a re, go tsibogela seemo se, khuduthamaga ya matona e ne ya thulanya ditlhogo ka kgang eo go bona gore barui ba ka namolwa leuba jang.
Rre Gaborone o buile jalo fa a tshwere phuthego ya kgotla kwa motseng wa Gathwane kwa kgaolong ya borwa bosheng.
Mothusa tona o tlhalositse fa puso e dule ka moono wa gore go dirwe phokoletso ya ditlhwatlhwa tsa dijo tsa loruo ka 25 per cent, go kgontsha barui go jesa loruo lwa bone, a gatelela ka gore go bonwe gore dikgaolo tsa Ngamiland le Bobirwa di maswe thata mme tsone di tlaa direlwa phokoletso ya 35 per cent.
Rre Gaborone o tlhalositse fa phokoletso ditlhwatlhwa e simologile kgwedi ya Phukwi e rogwa monongwaga mme e tlaa tswelela go fitlhelela ka kgwedi ya Seetebosigo ngwaga o o tlang.
A re phokoletso ditlhwatlhwa e tlaa ama letswai, dithokolo, moroko, mokento wa mokokomalo le tse dingwe, a kgothatsa Batswana go tswelela ka dithapelo tsa pula gore ba tswe mo leubeng ka jaana go le botlhoko go bona kgomo e phuphama mme e le yone botshelo jwa Motswana.
Mothusa tona, a re e ntse e le maiteko a puso go lwantsha leuba, go tlaa rulaganngwa gore kwa dikoleng tse dipotlana, bana ba fiwe dijo gabedi ka letsatsi, go lebilwe gore bana ba bangwe ba kgona go phakela ba ya sekoleng ba sa tsenya sepe ka legano, a tlhalosa fa dikole tseo di tshwaetswe madi a a fetang P124million go thusa go oketsa dijo.
A re puso ya lefatshe leno e tsaya thuto e le botlhokwa thata, mme a kgothatsa ba lekgotla la batsadi le barutabana go dirisana gore ba ntshe maduo a mantle, a re go ditlhong go bona batsadi bangwe ba rwesa barutabana mokgweleo ba le nosi, ka thuto ya bana ba bone.
Rre Gaborone o tlhalositse fa madi a Ipelegeng le one a okeditswe ka P15million gore go kgonwe go thapa babereki ba bantsi ba lenaneo leo.
Baagi ba ne ba lebogela phokoletso ya ditlhwatlhwa tsa loruo, ba re seo ke maiteko a mantle a puso, mme fela ba bolela fa ba nyoretswe go bona Tautona mo motseng wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Sep 2013






