Badiri ba supa kutlwelobotlhoko
22 Jan 2013
E rile ka mafelo a beke, moithuti wa pele wa sekole se segolwane sa Moeng, a abelwa semmuso ntlo e a e agetsweng ke badiri ba sekole se se botlana le se segolwane kwa Moeng.
Moithuti yoo, yo o feditseng kwa Moeng College ka ngwaga wa 2011, Ditiragalo Seboko, ke mo-na-le-bogolole yo o se nang mabogo otlhe mme go bolelwa a dirisa maoto go kwala e bile go kaiwa e le sekgantshwane mo go tshwantsheng.
Ntlo e o, e agilwe morago ga gore morutabana wa Moeng College a ntshe mogopolo wa go thusa Seboko, mme babereki ka ene ba ne ba o amogela .
Fa a bua kwa moletlong wa go rola ntlo eo semmuso, mookamedi wa lekgotla la Cheshire Foundation, Rre Billy Masebola, o boletse fa ba-na-le-bogole ba tlhoka thuso le tlhokomelo tse di tseneletseng gore ba nne le karolo mo setshabeng.
O boletse fa a tshwenngwa ke batho ba ba sa ntseng ba fitlha ba-na-le-bogole, a re go dira jalo ke go ba rontsha ditshwanelo tsa bone ka jaana ga ba kgone go bona maungo a lefatshe le.
Rre Masebola o boletse fa ba sale ba thusa Seboko a sale monnye ka ngwaga wa 1999 mme a re o lebogela mmaagwe go sa ipona tsapa ka a ne a batlela ngwana wa gagwe botshelo jo bo kgethegileng.
Modulasetilo wa komiti e e neng e agela Seboko ntlo o boletse fa tiro ya bone e simologile ka 2006 mme e itebagantse le matshego a tebelopele ya setshaba le Millennium Development Goals.
Rre Dintwe Dintwe a re ba ne ba na le dikgwetlho tse dintsi ke ka moo go tsereng dingwaga di le dintsinyana go wetsa tiro eo. Bokhutlho
Source : BOPA
Author : Kagiso Hunyepa
Location : Lerala
Event : Moletlo wa go aba
Date : 22 Jan 2013






