Breaking News

Dikereke di tshwaraganela thapelo

04 Sep 2013

Dikereke go tswa mo dikgaolong tse di farologaneng tsa Palapye di ne di kopane kwa Tamasane go rapelela bolwetse jwa HIV/AIDS ga mmogo le dikotsi tsa tsela, dipolaano tsa baratani le pula.

Fa a ntsha lefoko ka letsatsi leo le le neng le tshwerwe ka mafelo a beke, moeteledipele wa lekgotla la baruti la Maunatlala, Rre Boikanyo Moleele wa kereke ya Kamo-le-kamo o boletse gore mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo twantshong ya bolwetse jwa HIV/AIDS.

A re batsadi, puso, makgotla a a ikemetseng, dikereke le baeteledipele ba tshwanetse go bua ka bolwetse jo ba sa fitlhe sepe ka bo amile  mongwe le mongwe. A re letsatsi le la thapelo kgatlhanong le mogare wa HIV/AIDS le sale le tlhomiwa ka ngwaga wa 1996 mme lekgotla la baruti le tsweletse ka go le tshwara ngwaga le ngwaga.

Fa a tswa la gagwe, Rre Montsho Matlala o ne a re lefatshe lotlhe ka bophara le apesitswe ke seru sa HIV/AIDS, a tlhalosa fa mogare o o ntsifetse thata, go tsweng ka ngwaga wa 1985 o sena go lemogwa mo lefatsheng leno.

A re ditsamaiso dingwe tsa Setswana di rotloetsa kanamo ya mogare, ga mmogo le go nwa bojalwa phetelela. A re lehuma le lone le na le seabe se se tona mo go rotloetseng kanamo ya mogare. 

O kopile batho ba motse wa Tamasane go fetola maitsholo a bone gore mogare o kgone o laolesege, a ba rotloetsa go dirisanya le mokapelo a le mongwe.O gakolotse batsadi go dirisa diatlana fa ba oka balwetse gore ba seka ba amana gope le mogare, a ba rotloetsa go rapela gore kalafi ya mogare o e bonwe.

Mafoko a a ile a gatelelelwa gape ke Rre Samuel Morebudi wa Kereke ya Faith Gospel After Christ. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Palapye

Event : Bokopano jwa thapelo

Date : 04 Sep 2013