Breaking News

Borukhutlhi kwa Metsibotlhoko bo a tshwenya

04 Sep 2013

Mapodisi a Letlhakeng a supile fa a tshwenngwa ke borukutlhi kwa motseng wa Metsibotlhoko,  bogolo jang dipolaano le dikiteo. 

E rile a buisa batho ba motse oo mo phuthegong e e neng e biditswe ke ba sepodisi, Inspector Willy Monageng  a gwetlha baagi ba Metsibotlhoko go thusana le ba sepodisi le bogosi go fokotsa  borukhutlhi.

Inspector Monageng o ne  a kopa banni ba motse oo go sala molao  wa thekiso ya bojalwa morago mme a kgala barekisi ba majalwa a setso,  a re ke bone ba tshabelelwang ke go roba molao oo. Kgosi Bafantse Moatshing wa motse oo, one a kopa Inspector Monageng go ba kopela lepodisi go itepatepanya le seemo sa borukhutlhi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya morafe le sepodisi

Date : 04 Sep 2013