Breaking News

Lions Club e abela sekole

04 Sep 2013

Mogolwane wa mokgatlho wa bobelotlhomogi wa Lions Club kwa Molepolole, Mme Martha Mothobi, o rotloeditse mekgatlho le beng ba madirelo go thusa batho ba ba tlhokileng.

Mme Mothobi a re fa mekgatlho e mengwe le yone e ka ema ka dinao go thusa batho ba go nna jalo, se se ka dira gore batho bao le bone ba ikutlwe ba amogelesega

Mme Mothobi o buile se kwa moletlong o mokhutshwane o go neng go abelwa bana ba sekole sa Anne Stine kwa Molepolole, tanka ya metsi ya dilithara di le dikete tse tlhano mo bosheng.  A re mokgatlho wa bone ga se wa batho basweu jaaka batho bangwe ba akanya kana ba ba humileng mme ke wa mongwe le mongwe.

O bile gape a tlhalosa fa mokgatlho wa bone o itshwaragantse le ba lephata la botsogo jaaka fa e tlaa re ka kgwedi ya Ngwanatsele monongwaga, ba simolodise letsholo la go lwantsha bolwetse jwa mmokwane.  A re e le ba Lions club ya Molepolole, ba rekile tanka eo go thusa bana bao ka go kokoanya madi go tswa mo dipateng tsa bone. 

O bile a tlhalosa fa mokgatlho wa bone e se o o dirang dipoelo, a re dipoelo tsa bone ke lerato le monyenyo o o tswang mo difatlhegong tsa batho ba ba ba thusang ka jaana go supa fa ba amogela dithuso.

Mopalamente wa Molepolole bokone, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, o akgotse mokgatlho oo ka ditiro tse dintle tse o di direlang batho ba lefatshe leno jaaka go thusa mo go lwantsheng bofofu ka go tlhatlhoba matlho le go abela balwetse melemo le digalase tsa matlho.

Mopalamente yo gape a leng mothusa tona wa botsogo, a re ka go lemoga letlhoko le legolo la metsi le le apesitseng motse wa Molepolole kobo ka letshoba, ba Lions club ya Molepolole ba bone botlhokwa jwa go rekela bana bao tanka go thusa mo go somareleng metsi.

 O ba akgoletse gape go bo ba tsweletse ka go tshegetsa lengwe la matshego a  lefatshe leno la tebelopele ya 2016 la go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala.

Sekole seo sa Anne Stine se na le bana ba le masome a mane le boferabobedi, ba bangwe ba bone ba tlhokomelelwang kwa malwapeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dinah Mfulwane

Location : Molepolole

Event : Moletlo wa kabelo

Date : 04 Sep 2013