Breaking News

Badiri ba Ipelegeng ba tlhoka diaparo tsa itshereletso

04 Sep 2013

Mokhanselara wa kgaolwana ya Raphalane kwa toropong ya Jwaneng, Rre Ben Bakwena, o kopile khansele go tsaya tsia itekanelo le tshireletsego ya badiri ba lenaneo la Ipelegeng. 

Rre Bakwena o buile a sa kgale mathe ganong mo phuthegong ya khansele ya toropo eo mo bosheng, gore badiri a Ipelegeng ba ba agang kgotla ya Raphalane ba tshwere bokete mme e bile ba se na diaparo tsa itshireletso. 

O boletse fa diemo tse di ntseng jalo di oketsa dipalo tsa badiri ba ba lofang le malatsi a go ikoka. Mokhanselara Bakwena o ne a akgela mo mafokong a ga ratoropo, Rre Amos Jahana, jaaka a ne a bula phuthego ya khansele eo. 

Rre Jahana o ne a supile matshwenyego a gore dikgang tsa go tlhoka go tla tirong ga babereki le go ya bookelong kgapetsakgapetsa di a tshwenya mo ditirong tsa Ipelegeng. A re dikgang tsa go nna jaana di kgoreletsa go ntsha tema mo tirong ga mmogo le go supa maduo a a eletsegang.

Mothusa mokwaledi wa toropo, Rre Odirile Mabaila, o ne a supa fa khansele e na le kgwetlho ya madi ka jaana letlole la Ipelegeng le sa akaretse go rekela badiri diaporo tsa itshireletso. 

Le fa go ntse jalo, Rre Mabaila o kaile fa e rile tiro ya go aga kgotla ya Raphalane e simologa ba rekela badiri dirifi di le masome a mane. A re e re ka babereki ba Ipelegeng ba fapaana, go lemotshegile fa ba ntlha ba tsamaile ka ditlhako tseo fa nako ya bone e wela. O tsweletse ka go tlhalosa gore babereki ba tlaa fokolediwa mokgweleo ka jaana go dirilwe thulaganyo jaanong gore ba dirise motshhine o o tlhakanyang taka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Jwaneng

Event : Phuthego ya khansele

Date : 04 Sep 2013