Breaking News

Modiri o kgothatsa ba ba nang le mogare

22 Jan 2013

Puso e leka ka bojotlhe go rotloetsa batho ba ba tshelang ka mogare go ikamogela le go itse fa go tshela le mogare go sa reye gore motho o a bo sa tlhole a sena mosola.

Fa a bua mo phuthegong, molomaganya ditirelo tsa botsogo mo ofising ya Letlhakeng, Rre Nkosiyabo Nkomazana, o tlhaloseditse banni ba  Khekhenye mo kgaolong ya Letlhakeng bophirima  fa ba sa  tshwanela go kgetholola batho ba ba tshelang le mogare wa HIV ka go nne ba tlhoka kemo nokeng le thotloetso  ka nako tsotlhe.

Rre Nkomazana o gwethile banni go itlhatlhobela mogare kgapetsakgapetsa,  ka go ka thusa gore motho a itse seemo sa gagwe sentle. O boletse fa go dirisa sekausu e le bontlha bongwe jwa go itshireletsa mo mogareng mme go sa reye gore motho a ka nna le bakapelo ba le bantsi.

O ne a  tlhalosa fa puso e ntshitse mananeo a mantsi go lwantsha HIV/AIDS. Mangwe a mananeo  a, a akaretsa thibelo ya mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng e le bontlha bongwe jwa maiteko a puso gore go seka ga nna le mogare ope o mosha.

E rile a ma ya go kgaola letlalo la borre, a bolela fa go sa reye gore motho o ka tlhakanela dikobo a sa dirise sekausu. O ne a tlhalosa fa dipatlisiso di supile fa motho a kgaotse letlalo a ka falola go tsenwa ke mogare ka 60%.   

Mongwe wa ba  ba  tshelang ka mogare, Rre Oatlhotse Segwagwa a re o sale a tshwarwa ka mogare ka ngwaga  wa 2000. A re  ka nako eo diritibatsi di ne di le boutsana a re go dirisanya le ba botsogo go dirile gore a tshele lebaka le le telele. O kopile  botlhe ba ba tshelang le mogare go ikamogela pele ga batho ba ka ba amogela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Jan 2013