Breaking News

Ba batla go beelwa lefatshe

03 Sep 2013

Baagi ba metse ya Dovedale, Mmaphashalala, le Mookane mo kgaolong ya Mahalapye Botlhaba, ba kopile mmuso go seegela fa thoko sephatlo sa lefatshe go beela bana ba motse lefatshe lotlhe ka bophara go sa lebelelwa ba metse e e bapileng le ditoropo fela.

E rile ba akgela mo diphuthegong tse di neng di biditswe ke mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso bosheng, yo a neng a ba tlhalosetsa ka molao kakanyetso wa gore sephatlo sa lefatshe se beelwe bana ba metse e e dikaganyeditsweng ke toropo, ba ne ba re le bone ba beelwe sephatlo sa lefatshe mo metseng selegae.

Mme Tshireletso o ne a re mo palamenteng e e tlang, nngwe ya dikgang ke gore bana ba mafelo a bone a bapileng le ditoropo a tshwana le bo Matshelagabedi le Tlokweng ba beelwe sephatlo sa lefatshe.

A re lefatshe le tlaa abelwa ope fela mme sephatlo sengwe se tlogelelwe go abelwa beng gae fela.

Fa ba mo kgwa dikgaba ba ne ba re e re ntswa molao motheo wa lefatshe leno o letlelela Motswana mongwe le mongwe go ikopela lefatshe kwa a eletsang teng mono Botswana, puso e tshwanetse go ela tlhoko seemo sa dikokomana tse di tlaa kokonelwang ke letlhoko la ditsha, mme ka jalo ba tlhalosa gore  puso e lebele pele ka mo nakong e e tlang, metse selegae e tlaa bo e tlhabologile le yone, go nna mo seemong sa ditoropo, mme ba re a go nne le sephatlo se se tlaa beelwang dikokomana tsa bone.

Ba boleletse mopalamente wa bone gore e re ntswa ba se kgatlhanong le molao kakanyetso wa gore bana ba metse e e dikaganyeditsweng ke ditoropo ba beelwe sephatlo sa lefatshe, ba eletsa fa bana ba metse ya magae le bone ba ka beelwa naga.

Ba re e re ka lefatshe la Botswana e le la tsamaiso ya puso ya batho ka batho le therisano, ba bona go tshwanela gore tshwanelo e e akolwang ke bana ba ba gaufi le diteropo le ba magae ba kgone go e akola  gore e seka ya re kgabagare ba tla ba tlhaelwa ke lefatshe mo magabone. 

Batho ba metse eo,ba re fa puso e sa sekeseke go beela bana sekidi sa lefatshe mo dikgaolong e tlaa re kgabagare ba fitlhele lefatshe le gogorupilwe ke ba ditshaba le dingwao tse di farologaneng.

Rre Balopi Mooketsi wa motse wa Dovedale o ne a re go beela lefatshe ba ba dikologileng metse setoropo e tlaa bo e le tsietsa Motswana fela.

Rre Mooketsi a re e re ba beelwa, le bone ba beelwe ka metse ya bone e a tlhabologa.

Rre Mothomedi Batsietsi le ene fela jalo o ne a re Motswana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna gope kwa a batlang teng, mme ka jalo a re fa puso e lebeletse dikgang tsa ngwao le bone fela jalo ba ba ko mafelong a a sa dikaganyediwang ke ditoropo go botlhokwa gore le bone ba beelwe sekidi.

Rre Batsietsi o tlhalositse fa ngwao e fela ka go kopakopane Batswana ba dingwao tse di farologaneng, mme a re go tila moo, ke gore a go nne le sekidi mo magaeng otlhe. 

O ne a re beng gae le bone ba ka tlhaelwa ke lefatshe fa ba ka seke ba beelwe sepe ka fa tlhoko, jaaka go akangwa go dira ko mafelong mangwe.

O ne e seng jalo ope Motswana o tshwanetse a nne gope fela kwa a batlang mme gosena ditsetlana dipe tse di ka kgoreletsang.

Kwa Mookane, Rre Lapologang Raphapha o ne a re a go tshwane fela lefatshe ka bophara go seka ga twe go lebelelwa metse e mengwe fa e mengwe go bewa fela.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbudzi

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Sep 2013