Bagwebi ba ikuela ka dinako tsa thekiso
03 Sep 2013
Banni bangwe ba dikgotla tsa Mogogoru le Matlhalerwa kwa Molepolole ba ngongoregetse thulaganyo ya go laolwa ga dinako tsa thekiso ya bojalwa jwa Setswana, ba re e ya go ba ketefaletsa seemo sa botshelo ka jaana ba ntse ba ikaegile ka kgwebo.
E rile ba bua mo diphuthegong tsa kgotla, tse di neng di tshwerwe ke tona wa Papadi le Madirelo, Mme Dorcas Makgato-Malesu, bosheng, baagi ba dikgotla tse pedi tseo ba kopa tona go sekegela tsebe kopo ya gore dinako tsa majalwa a a rekisediwang mo malwapeng di simolole ka nako ya boferabongwe go ya go ya borataro mo maitseboeng.
Bontsi bo ne bo ngongoregela go bulwa ga thekiso ya majwalwa ao ka nako ya bobedi, ba supa fa mabele a dirisiwang go apaya bojalwa e le a boleng jo bo kwa tlase mme bojalwa jwa teng bo tshabelelwa ke go itoma mme ba felele ba bo tsholola bo sena go iphetola nkwe.
Bangwe ba ne ba kopa gore puso e ba sekegele tsebe gore chibuku e rekisediwe mo malwapeng mme dinako tsa thekiso di laolwe. Le fa go ntse jalo go ne go na le ba ba lebogelang thulaganyo ya go fudusiwa ga thekiso ya Chibuku mo malwapeng, ba re go ba tsiseditse kagiso.
Tona Makgato-Malesu o tlhaloseditse diphuthego fa lephata la gagwe le tsere tshwetso ya go laola majalwa a a rekisetswang mo malwapeng jaaka jwa Setswana le Chibuku go fokotsa dintwa, medumo le go leka go busetsa seriti sa malwapa le botlhoka tsebe jo bo bakiwang ke seemo seo.
A re go lemotshegile gore mangwe a masula a bakwa ke go sa laolwa ga majalwa mme a senyetsa bana bokamoso le kagiso mo tikologong e go gwebelwang mo go yone ka medumo e e bakiwang ke dinako tse di sa laolweng.
Tona o tlhalositse fa tshwetso ya diphetogo tse di dirilweng mabapi le thekiso ya majalwa ao, e nnile morago ga morero o o tseneletseng wa dikgwedi tse thataro le ba-na-le-seabe.
O kaile fa tshwetso e e tserweng gape e le ya go emisa thekiso ya majwala a tshwana laela mmago, le mokoko-o-nchebile. O ne a gakolola baagi go sala morago methale e mengwe ya go gweba a re kgwebo ya bojalwa ga se yone fela tsela e batho ba ka e salang morago go ipetlela bokamoso.
Le fa go ntse jalo, o kopile baagi ba dikgotlana tsa Mogogoru le Matlhalerwa go ikopela diteseletso tsa go gweba ka bojalwa tse di ntshitsweng di le 28 mo kgaolong ya Molepolole le Lentsweletau.
Kgosi wa kgotla ya Mogogoru Rre Selebatso Segaetsho ene o supile matshwenyego ka go tlhoka morero mo dikgannyeng tse di amang morafe o ba o eteletseng pele.
A re e re ntswa e le bone leitlho la puso mo tsamaisong ya ditiro tsa morafe, ga go gantsi ba rerisiwa fa go tsewa ditshwetso ka dikgang tse di amang morafe ka go fetolwa ga melao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Sep 2013






