Puso e itlamile go thusa batlhoki
03 Sep 2013
Puso e dirile maitlamo a gore e tlaa tswelela e thusa botlhe ba ba mo lehumeng le go tokafatsa matshelo a bone.
Mafoko a, a builwe ke tona wa lephata la tikologo, diphologolo le bojanala, Rre Tshekedi Khama, fa a ne a tshwere diphuthego tsa kgotla kwa dikgotlaneng tsa Marobela le Makolojane kwa kgaolong ya Serowe Bokone Bophirima bosheng.
Tona Khama, yo gape e leng mopalamente wa dikgaolo tseo, o tlhalositse gore puso e ntshitse mananeo a akaretsa nyeletso lehuma, ipelegeng le a mangwe, a a ka thusang banana go itlhamela ditiro mme ba thape ba bangwe.
A re puso gape e itlamile go agela batlhoki matlo, ka thuso ya Batswana, go ba fa seriti, a tlatsa ka gore go setse go agetswe batho ba le bantsi mme e bile bangwe ba sa ntse ba tlaa bona thuso eo.
Le fa go ntse jalo, tona o ne a kgala bangwe batho ba go tweng ga ba dire sentle mo go lone lenaneo le, bogolo jang boradikonteraka tsa ditena le metlhaba, ka fa gongwe ba a diega go isa didirisiwa kgotsa ba isa tse di sa siamang.
O ne a tlhalosa gape gore lefatshe la Botswana jaaka mafatshe a mangwe, le ne la nna le kwelotlase ya itsholelo, ka jalo ditirelo dingwe tsa puso di ne tsa salela kwa morago.
Tona o ne a tlhalosetsa baagi ba dikgaolwana tseo gore le fa go ntse jalo, ba itumelele bonnyennyane jo puso e bo kgaratlhelang, jaaka tlhokomelo ya bagodi ka go ba abela dikobo le diromamowa.
Rre Khama o ne a tlhalosetsa baagi le ka mananeo a lephata la gagwe, bogolo jang a diphologolo tsa naga le leruo.
O ne a supa fa balemi barui ka bontsi ba ikuela gore diphologolo di a ba senyetsa, a re Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya gore tsone diphologolo tse, kwa dikgaolong tse dingwe ke tsone tse batho ba itsetsang ka tsone le bojanala.
Tona o ne a kopa baagi go tshela sentle le diphologolo ba sa leba fela gore ke tsa naga.
Rre Khama o ne a ba tlhalosetsa gape gore ga se phologolo nngwe le nngwe ya naga e tshenyo ya yone e phimolelwang dikeledi.
E rile a araba dilelo tsa baagi ka letlhoko la metsi le dituelo tse di kwa godimo, mookamedi wa lephata la metsi kwa Serowe, Rre Innocent Leornard, a tlhalosa fa lefatshe lotlhe ka bophara le tlhaelelwa ke metsi.
Rre Leornard a re puso e tsere tshwetso ya go anamisa moalo wa metsi lefatshe ka bophara, mme le fa go ntse jalo ba tshwenngwa ke go thubega ga dipompo tse di isang metsi kwa setshabeng.
A re mme le fa go ntse jalo, ba sa ntse ba tshwaragane le namane e tona ya tiro go baakanya seemo seo.
Ka dituelo tsa metsi tse di kwa godimo, Rre Leonard o ne a gakolola baagi gore ba ikopanye le ofisi ya bone kaba ne ba ntse ba na le bothata jwa didirisiwa tse di ntsang dituelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : Serowe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Sep 2013






