Breaking News

Khwaere ya kereke e aba ntlo

03 Sep 2013

Dikereke di akgoletswe go kgathalela go busetsa seriti sa Batswana ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ka go ba agela bonno. 

E rile a ntsha molaetsa o o faphegileng mo boemong jwa lenaneo la ga Tautona la go fa ba ba tlhokileng lesego seriti ka go ba tokafaletsa seemo sa bonno, Rre Duke Masilo, a supa fa e le boikarabelo jwa Batswana go tsibogela bothata jwa ba ba tlhokileng lesego.

A re mowa wa kutlwelobotlhoko ga o a tshwanela go kaega fela mo makgotleng a a ikemetseng jaaka dikereke le bagwebi mme o tshwaneletse go bonala gape le mo Batswaneng ka bongwe ka bongwe. 

Rre Masilo a re maiteko a go ema thulaganyo ya go agela batlhoki bonno a tsweletse, mme a gwetlha tshwaragano ya ba-na-le-seabe go thusa go busetsa seriti sa ba ba tlhokileng lesego ka go ba agela bonno.

Rre Masilo a re, e re ntswa bothata jwa lehuma bo bonala thata mo metseng e e kgakala le ditlamelo, go lemotshegile gore puso e sa ntse e lebanwe ke namane e tona ya bothata jwa seemo sa lehuma le mo metseng ya magae. 

A re mananeo a tshwana la nyeletso lehuma  a ka fokotsa seemo sa botlhoki jwa nta ya tlhogo jo bo amileng thata bontlha bongwe jwa batho ba lefatshe leno.

O akgotse a bo a lebogela setlhopha sa Masa mowa o o golang wa seabe sa dikereke, a re  tiro ya mofuta o, ke ya boraro mo nakong e khutshwane e ntse e eteletswe pele ke kereke kwa kgaolong ya Kweneng.  

Setlhopha sa moopelo sa Masa sa kereke ya Trinity ya UCCSA se agetse Mme Bakae Phiri wa dingwaga tse 65, ntlo e e lopileng P80 000 kwa Lesirane mo kgaolong ya Mogoditshane.

Ntlo eo ya dikamore tsa boroko tse pedi, kamore e e tlhapelang le ya boapeelo di ne tsa rolelwa Mme Phiri ke modulaestilo wa Sinoto ya kereke ya UCCSA, Rev Keloneilwe Kgerethwa. 

Rev Kgerethwa o gakolotse bakeresete fa ba na le pitso ya go thusa ba ba mo pitlaganong, ka jalo seabe sa bone se botlhokwa fela thata.

Mme Phiri o ne a abelwa le  tshingwana ya merogo le pompo ya metsi, bolao le dikobo dijo le didirisiwa tse di apayang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Mogoditshane

Event : Tholo semmuso ya ntlo

Date : 03 Sep 2013