Mokalake o kgothatsa banana
03 Sep 2013
Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Lebonaamang Mokalake a re banana ba metse e e kgakala le ditlamelo ba tshwanetse ba tsena mo metshamekong ka go farologana gore ba kgone go supa bokgoni jwa bone le go nyeletsa dipelaelo tsa gore ga ba kgone sepe.
O buile jalo ka Matlhatso kwa Orapa jaaka go ne go tshwerwe dikgaisano tsa mmabontle wa makgarejwana ba metse e e kgakala le ditlamelo e akaretsa Kedia, Khwee, Xere le Mmeya. Kgaisano ya Miss Affirmative Action e ne e tsenwe ke makgarejwana a metse eo a le lesome le borataro.
Tona o tlhalositse fa maikaelelo a kgaisano ya mmabontle e le go rotloetsa, go tlhabolola le go epolola ditalente tsa banana ba metse e e kgakala le ditlamelo gore le bone ba tle ba tshwane le Motswana mongwe le mongwe.
A re mengwe ya metse e e kgakala le ditlamelo e nnile teng morago ga gore puso e fuduse banni ba yone kwa lefelong la diphologolo la CKGR le meraka mengwe mme ba abelwa lefatshe la bonno gore ba kgone go tlamelwa sentle jaaka Motswana mongwe le mongwe le gone gore ba nne le magae a leruri.
O supile gore kgaisano ya mofuta o, e tlaa thusa gore banana ba metse e e kgakala le ditlamelo ba ithute le gone ba itepatepanye le metlhala e e latelwang ke banana ba metse e e tlhabologileng le ditoropo go tokafatsa matshelo a bone.
Tona Mokalake a re maikaelelo a lenaneo le ke go tlhabolola motho, go mo aga gore a tle a kgone go ikemela le go itlhabolola, mo go tlaa godisang seriti sa gagwe.
O gateletse thata gore setshaba ka kakaretso se rotloetse thata mananeo a a itebagantseng le go tlhabolola matshelo a batho ba ba nnang mo mafelong a a kgakala le ditlamelo.
Monana wa motse wa Mmeya, Charity Keitlhaganetse o ne a gapa korone ya Miss Affirmative Action wa kgaolo potlana ya Boteti e patilwe ke madi a P2 000, maemo a bobedi a tsewa ke Kesetse Baoreeng wa motse wa Khwee a ikgapela P1 500, fa a boraro a tserwe ke Lovely Gorongwamang wa motse wa Kedia le ene fela jalo a atswiwa ka P1000.
Kgaisano ya makgaola kgang a Bommabontle ba, ya lefatshe lotlhe ka bophara e tlaa tshwarelwa kwa Gaborone ka kgwedi ya Lwetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Dikgaisanyo tsa mmabontle
Date : 03 Sep 2013






