Baithuti ba tshwerwe
03 Sep 2013
Baithuti ba le supa ba sekole se segolwane sa Mariba kwa Mabule mo kgaolong ya Borwa, ba tshwerwe ka setlhatshana se go belaelwang e le motokwane.
Bana bao, ba go bolelwang e le basimane, botlhe ba dingwaga di le lesome le botlhano le lesome le borataro, ba tshwerwe ka setlhatshana seo ba ya sekoleng mo bekeng e e fetileng.
Mookamela mapodisi a Phitshane Molopo, Superintendent Thari Senwelo, o boletse mo potsolotsong gore mapodisi a ne a phuruphutsa bana bao mme ba fitlhela mophuthelwana oo, a kaya fa yo mongwe maitsholo a gagwe a ne a sa itumedise mme ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Mabule, mme a fetisediwa kwa go sa Sbrana go bonwa ke ba bongaka jwa tlhaloganyo.
Superintendent Senwelo a re ba ne ba kgona go tshwara bangwe ba go bolelwang fa ba neela bana bao setlhatshana seo, a kaya fa batho bao e le mme wa dingwaga di le masome a mararo le bone, mokapelo wa gagwe le monnawe.
A re setlhatshana seo se ile go tlhatlhobiwa ke ba bongaka mme babelaelwa ba tlaa itshupa fa pele ga lekgotla. O tsweletse a re ba tsere tshwetso ya go ikopanya le barutabana, ba boipelego, magosi le batsadi, go buisana gore ba dire jang go thusa bana bao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 03 Sep 2013






