Breaking News

Banana ba rotloediwa go tlhama komiti

22 Jan 2013

Mokhanselara wa kgaolwana ya Nkange borwa, Rre Tabona Saulo, o rotloeditse banana kwa Senete go tlhama komiti  e e tlaa nnang lentswe la banana mo motseng. 

Mokhanselara o gwetlhile banana go bopa komiti e e tlaa ntshang dikgakololo, e rotloetsa e bo e abelana dikitso le banana ka metlha yotlhe. 

O buile jalo mo phuthegong e a neng a e bileditse banana ba motse oo go tla go ba tsibosa ka ikwadiso ya go ya ithutuntshong ya dikgwebo, e e tlaa bong e tshwerwe sebaka sa dibeke tse nne. 

O ba kopile go ikwadisetsa ithutuntsho ka dipalo tse dintsi, a tlhalosa fa e le botlhokwa thata ka e le  yone e tla ba fang botsipa jwa go tsamaisa dikgwebo tsa bone. Rre Saulo o tlhalositse fa puso e lemogile gore dikgwebo tsa banana di phutlhama  ka bontsi ka ntlha ya go re ga ba na botsipa jwa go tsamaisa dikgwebo.

A re o lemogile fa banana ba motse oo ba saletse kwa morago thata mo mananeong a puso, gape go lebega ba se ke ba itshwenya ka go ya go kopa kitso mo diofising, le fa ele gone go tsena diphuthego ka bontsi.

Banana ba supile  matshwenyego a letlhoko la ditsha le go tura ga dikago tse ba direlang mo go tsone e le dingwe tsa dikgwetlho tse di ba emeng kwa pele. 

Bontsi jwa banana bo ne bo tsibogetse phuthego eo mme ba leboga mokhanselara wa bone thata ka kitso e a ba e fileng ka ba re dikitsiso tsa botlhokwa ba di bona nako ya tsone e setse e fetile. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Agnes Nchinyi

Location : TUTUME

Event : Phuthego

Date : 22 Jan 2013