Puso e thusa botlhe ka lorato
02 Sep 2013
Puso e itlamile gore e tlaa tswelela e thusa botlhe ba ba mo lehumeng go tokafatsa matshelo a bone.
Mafoko a, a builwe ke tona wa lephata la tikologo, diphologolo le bojanala, Rre Tshekedi Khama, fa a ne a tshwere diphuthego tsa kgotla kwa dikgotlaneng tsa Marobela le Makolojane kwa kgaolong ya Serowe bokone bophirima bosheng.
Tona Seretse, yo gape e leng mopalamente wa dikgaolo tseo, o tlhalositse gore puso e ntshitse mananeo a akaretsa nyeletso lehuma, Ipelegeng le a mangwe, a a ka thusang banana go ba itlhamela ditiro mme ba thape ba bangwe.
A re puso gape e itlamile go agela batlhoki matlo, ka thuso ya Batswana, go ba fa seriti, a tlatsa ka gore mo bogompienong go setse go agetswe batho ba le bantsi mme e bile bangwe ba sa ntse ba tlaa bona thuso eo.
Le fa go ntse jalo, tona o ne a kgala ba go tweng ga ba dire sentle mo go lone lenaneo le, bogolo jang ba dikonteraka tsa ditena le metlhaba, ka fa gongwe ba diega go isa didirisiwa kgotsa ba isa tse di sa siamang.
O ne a tlhalosa gape gore itsholelo ya Botswana e ne ya koafala, ka jalo ditirelo dingwe tsa salela kwa morago.
Tona o ne a tlhalosetsa baagi ba dikgaolwana tseo gore le fa go ntse jalo, ba itumelele lemme le puso e le kgaratlhelang, jaaka tlhokomelo ya bagodi ka go ba abela dikobo le diromamowa.
Rre Khama o ne a supa fa balemi-barui ka bontsi ba ikuela gore diphologolo di a ba senyetsa, a re Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya gore tsone diphologolo tse, kwa dikgaolong tse dingwe ke tsone tse batho ba itshetsang ka tsone le bojanala. Tona o ne a kopa baagi go tshela sentle le diphologolo ba sa leba fela gore ke tsa naga.
Rre Khama o ne a ba tlhalosetsa gape gore ga se phologolo nngwe le nngwe ya naga e tshenyo ya yone e phimolelwang dikeledi.
E rile a araba dilelo tsa baagi ka letlhoko la metsi le dituelo tse di kwa godimo, mookamedi wa lephata la metsi kwa Serowe, Rre Innocent Leornard, a tlhalosa fa lefatshe ka bophara le tlhaelelwa ke metsi.
Rre Leornard a re puso e tsere tshwetso ya go anamisa moalo wa metsi lefatshe ka bophara, mme le fa go ntse jalo ba tshwenngwa ke go thubega ga diphaephe tse di isang metsi kwa setshabeng.
O ne a ba gakolola gore ba ikopanye le ofisi mabapi le metsi a a turu go rarabolola kgang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : Serowe
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 02 Sep 2013






