Molefhi a re tsela e tla tswelela ka go gopiwa
02 Sep 2013
Tona wa dipalamo le ditlhaeletsanyo, Rre Nonofo Molefhi, a re tsela ya Tshimoyapula/Mabeleapodi/Topisi e tlaa tswelela e ntse e kgophiwa go emetswe gore lefatshe le bone madi.
Rre Molefhi o buile mafoko ao kwa phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kwa motseng oo mo bosheng.
O ne a tlhalosa gore tsela eo e ne e le mo lenaneong la go ka tshelwa sekontere mme ka ntlha ya letlhoko la madi, go sa ntse go eme.
A re go e baya mo seemong se se botoka puso e tsere tshwetso ya gore morago ga dikgwedi tse tharo dingwe le dingwe tsela eo e bo e gopiwa.
Le fa go ntse jalo, o tlhalositse gape gore e tlaare ngwaga o o tlang go sa ntse go emetswe madi, tsela eo e tshelwe mmu o mosweu go e tokafatsa. Rre Molefhi o ne araba selelo sa moemedi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Kganelo Keoagile, yo o neng a ngongoregela seemo sa tsela eo.
O tlhaloseditse baagi ba Mabeleapodi gore ka puso e tlhaelelwa ke madi, e tsere tshwetso ya gore e batle madi mme e ithekele dikoloi tse di gopang ditsela ka ba lemogile fa ba dirisa madi a mantsi go hirisa dikatakata mo dikonterakeng.
Fa a bua kwa phuthegong e nngwe gape e buisiwa ke Tautona kwa kgotleng ya Ditimamodimo e ntse e le mo kgaolong ya Serowe bokone botlhaba, Tona Molefhi o ne a tlhalosa gore lephata la gagwe le lemogile fa diposo di pitlagane, ka jalo ka dinako tsa dikamogelo tsa bagodi go nna mosuke.
O ne a tlhalosa gore ke nnete go ntse go nna mosuke mme sebe sa phiri ke gore motshine o o ntseng o ba thusa o ntse o robegile mme seemo seo se tlaa tokafala mo bogaufing.
Rre Molefhi o ne a gakolola bagodi gore puso e tsere tshwetso ya go dira thulaganyo ya gore bagodi jaanong ba ka amogela letsatsi lengwe le lengwe go itsa mosuke. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : Serowe
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 02 Sep 2013






