Ipaakanyetseng ditlhopho
02 Sep 2013
Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, o kgothaditse baagi ba Lotlhakane East go ipaakanyetsa ditlhopho tse di tlang tsa setshaba tse di tlaa tshwarwang ngwaga o o tlang.
A re ba tlhomamise gore bo Omang ba bone ba nna fa go babalesegileng, le go tlhomamisa gore ba tlaa bo ba le mo tirisong ka ngwaga wa ditlhopho. Rre Kesupile o ntshitse kgothatso eo fa a tshwere phuthego ya kgotla kwa motseng oo mo bekeng eno.
O tlhalositse gore bo Omang ba batho ba le 182 730 ga ba sa tlhole ba le mo tirisong, a gatelela ka gore dikarata tsa ba feta 74 000 di felelwa ke tiriso ka ngwaga wa 2014. A re seemo se se a tshosa, mme a re go botlhokwa gore beng ba bo Omang bao ba tlhomamise gore seemo seo ga se ba rontshe tshwanelo ya go tlhopha ka gope. Mopalamente Kesupile a re seemo seo ga se ame batlhophi le bontlhopheng fela mme se ama le ba ofisi ya ditlhopho.
A re tlhopho ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe, ka jalo o kopa batlhophi ba kgaolo ya Kanye Borwa le setshaba ka kakaretso gore ope a se ka a ithontsha tshwanelo ya gagwe ya go tlhopha. Gape o kopile batsadi go tseela bana ba bone boOmang ka nako gore ba feme dikotlhao.
Rre Kesupile o boletse fa ba ofisi ya Omang kwa Kanye ba supa fa batho ba sa tseye bo Omang ba bone ba basha mo e bileng ba setse ba le bantsi thata kwa ofising eo, mme a kgothatsa ba ba amegang go latela bo Omang ba bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Kanye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Sep 2013






