Dikatlholo di okeditswe
02 Sep 2013
Batho ba kgaolo ya Mahalapye Botlhaba ba galaleditse kgato ya go baakanya molao wa tsamaiso ya makgotla a Setswana.
Ba buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla ka go farologana di tshwerwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso bosheng. Mme Tshireletso o ne a tlhalosa fa dikatlholo tsa batho ba ba tlhapatsang ba bangwe di oketsegile go tswa mo go P50 go nna P500 go ya kwa go P1 000
O boletse gore motlhapatsi o tlaa nna le go ka otlhaiwa, ka go lefa madi ga mmogo le go kgwatha a tlatsa ka gore ba tlaa otlhaiwa ka go kgwathisiwa ke morongwa wa lekgotla, e le bo mme kgotsa bo rre. Fa ba akgela batho ba ne ba galaletsa mafoko ao ba bolela fa ba sa bolo go rogakwa ke batho ba itse fa ba tlaa duela P50 kgang e bo e fedile.
Rre Sefedile Lesobia wa Mmaphashalala a re dituelo tse di okeditsweng tseo, di tlaa tlisa kagiso mo setshabeng. Mo dikganyeng tse dingwe, Mme Tshireletso o ne kopa Batswana go ipabalela kgatlhanong le go tsenwa ke mogare wa HIV.
O tlhalositse fa mogare o santse o le teng mme a re sebe sa phiri ke gore bangwe ke gone o ba tsenang mme puso e sa bolo go touta gore batho ba ipabalele. O ne a kgothatsa batho go tsaya diritibatsi sentle a tlatsa ka gore fa ba bona ba nna botoka, ba seka ba di tlogela, ka go ka baka kwelotlase mo masoleng a mmele mme phelelo e nne loso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : Mahalapye
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 02 Sep 2013






