Boikgapho bo thibela kanamo
02 Sep 2013
Go sala ditaelo morago le go ikgapha go ka fedisa kanamo ya mogare wa HIV le go fitlhelela maikaelelo a lefatshe leno, a go nna tshaba e e se nang mogare.
Mafoko a a builwe ke Moruti Gerry Pelotshweu, wa kereke ya The Village Church, kwa Maun mo phuthegong ya kgotla kwa kgotleng kgolo ya Batawana, e e neng e tshwerwe ke dikereke go rapelela bolwetse jwa AIDS. Moruti Gerry o kgothaditse setshaba go nna kelotlhoko mo matshelong a bone le go obamela lefoko la Modimo ka le ka ba fa lesedi le botlhale, go lwantsha HIV/AIDS.
Moruti Gerry a re le ntswa puso e tsweletse ka go lwantsha bolwetse jwa AIDS, setshaba le dikereke di tshwanetse go tshwaragana le puso go ruta setshaba ka bolwetse jo le go rotloetsa go ikgapha mo tlhakanelong dikobo pele ga lenyalo. O buile le go re dikereke di tshwanetse go gakolola setshaba go emisa megolagang ya bakapelo, ka e rotloetsa go anama ga mogare wa HIV.
Molomaganyi wa merero ya AIDS, Mme Thutego Knudsen, a re setshaba se latlhegetswe ke ba masika le ditsala, segolo bogolo banana, ba e leng bone bokamoso jwa lefatshe leno ka ntlha ya AIDS mme fa dikereke le setshaba di ka tlhoafala ka thapelo, seemo se se ka laolwa. Mme Knudsen o kgothaditse baruti go ruta setshaba segolo jang basha ka mogare wa AIDS le ka methale ya go ikgapha mo tlhakanelong dikobo.
O kgothaditse dikereke go tswelela ka go etela dikgolegelo le dikokelo, go rapelela ba ba amegileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ame Ketlogetswe
Location : Maun
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Sep 2013






