Bodiredi bo supa kutlwelobotlhoko
02 Sep 2013
Bodiredi jwa lephata le le tlhokometseng dikago tsa puso kwa Letlhakane, bo akgoletswe go nna le seabe mo go thuseng ba ba dikobo dikhutshwane ka go agela motlhoki wa motse wa Mokobaxane ntlo.
Mopalamente wa Boteti Borwa, Rre Lebonaamang Mokalake a re babereki ba, ba dirile se ka thotloetso ya lorato le kutlwelobotlhoko. Rre Mokalake o buile jalo fa a bula semmuso ntlo eo ya dikamore tse pedi le ntlwana ya boiteketso tse di lopileng P42 000.
Rre Mokalake, yo e leng tona wa lephata la ditsha le matlo, a re tiro ya bone e tlaa thusa go nonotsha lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba le le rotloetsang kutlwelobotlhoko le gore Batswana ba thuse go tsholetsa ba ba kobo dikhutshwane.
A re se ba se dirileng se thusa gape gore puso e fitlhelele maikaelelo a yone a go agela ba ba se nang bonno jo bo tlhomameng. Rre Mokalake a re bonno ke selo sa botlhokwa, bo fa motho seriti le tlotlo mo setshabeng.
Tona Mokalake a re ba dirile namane e tona ya tiro ka gore ba thusitse go araba selelo sa puso sa gore e thusiwe go tokafatsa matshelo a Batswana ba ba tshelelang mo lehumeng. O boleletse bana ba ga Mme Bontshwanetse Setebelekwane, yo go tlhalositsweng fa a setse a tlhokafetse, gore toro ya bone ya go nna le bonno jo bo siameng e fetogile nnete ka thuso ya lephata leo.
O ba rotloeditse go tlhokomela thuso eo le gore ba dire tshingwana ya merogo mo lwapeng gore ba itshetse ka yone. ona o ne a abela lelwapa leo dithuso tse dingwe di akaretsa dikobo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latia
Location : Letlhakane
Event : Pulo semmuso
Date : 02 Sep 2013






