Breaking News

Ba batla Ipelegeng e e faphegileng

21 Jan 2013

Banni ba kgaolo ya Nhabe ba kopile puso go fetola lenaneo la Ipelegeng kwa kgaolong ya bone, go nna le le faphegileng go fitlhelela go bonwa tharabololo ya thekiso ya dikgomo kwa kgaolong eo.

E rile ba bua mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke mopalamente wa Ngami, Rre Taolo Habano bosheng, ba tlhalosa fa lenaneo  le, le tsaya palo e nnye e bile dikatso tsa lone di le kwa tlase thata mo ba sa kgoneng go itshetsa ka tsone.

Banni bare ga ba itumedisiwe ke lephata la matlhoko a leruo, ka le tlhaelelwa ke badiri. Ba re se se dira gore  ba se tsibogele dikgwetlho tsa kgaolo ya Nhabe, tsa go tlhagoga ga malwetse a leruo kgapetsa-kgapetsa.

Mokhanselara wa Tubu, Rre Mpuke Karapo, o gwetlhile puso go tlhalosetsa banni ba Ngami ka mmaraka o ba o solofeditsweng tebang le theko ya dikgomo ke lefatshe la Angola, go leka go namola batho mo mathateng a a ba apereng. Banni bane gape ba ngongoregela kemiso ya matshwao a leruo kwa kgaolong ya bone ka go ba kgoreletsa go phutha dikgomo tsa bone tse di timetseng, mo go bakileng dintsho tsa tsone le go tlhoka go rekisa kwa marekisetsong a nama. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Rebecca Katjimune

Location : GUMARE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jan 2013