Breaking News

Tshekatsheko ya dikatso e tsweletse

01 Sep 2013

Tona wa merero ya pereko le se legae, Rre Peter Siele a re kgang ya gore maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse a okelediwe dikatso e sa ntse e sekasekwa.

Tona Siele o buile mafoko a, kwa diphuthegong tsa kgotla di tshwerwe  ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kwa motseng wa Mabeleapodi le kgotla ya Ditimamodimo mo kgaolong ya Serowe Bokone Botlhaba ka Labone.

Tona a re ba sa ntse ba kanoka gore maloko a dikomoti tse a ka thusiwa jang ka e bile ba tshwaragane le namane e tona ya go tlhabolola metse ya bone. Rre Siele o ne araba dilelo tsa baemedi ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, fa ba ne ba itela ka go okelediwa dikatso.

A re mo lefatsheng lotlhe go na le dikomiti tseo di ka nna 734, mme ke ka moo go tlaa tsayang lebaka ka go nne lefatshe le sa ntse le tlhaelelwa ke madi. Rre Siele o ne a ba kopa gore ba se fele pelo ka puso e sa ntse e ba lekela.

Kwa Mabeleapodi, moemela modulasetilo wa VDC, Rre Kganelo Keoagile o ne a ntsha matshwenyego a gore mo motseng wa bone dipalo tsa baithaopi ba lenaneo la Ipelegeng di ile tlase. Rre Keoagile a re pele go ne go thapilwe batho ba le 99 mme jaanong palo eo e ile kwa go masome a supa fela, a tlatsa ka gore kgang e, ga e ba jese di welang  ntswa ditlhabololo kgotsa ditirelo tsone ba di dira.

Rre Siele o ne a tlhalosa gore puso e dira ka gotlhe go thusa mafelo otlhe mo lefatsheng ka tekatekanyo, a bolela gore e rile puso e lemoga fa ngwaga ono e le wa leuba ya itlama go oketsa dipalo tsa badiri ba Ipelegeng kwa mafelong a a wetsweng ke leuba thata.

A re dikgaolo di tshwana le ya Bobirwa le Bokone Bophirima di ne tsa welwa ke leuba fela thata mme ba okeletsa dipalo pele kwa go bone gore ba ka ithuse ka Ipelegeng. Le fa go ntse jalo o ne a ba solofetsa fa seemo se, se sa ntse se sekasekwa gore ke di fe gape dikgaolo tse di ka okelediwang badiri ba lenaneo le. Mo go tse dingwe mothusa tona wa temo thuo Rre Oreeditse Molebatsi o ne a tlhalosetsa banni gore puso e tsere tshwetso ya go fokotsa tlhotlhwa ya dijo dingwe tsa leruo.

Rre Molebatsi a re dijo di tshwana le moroko, letswai le kotla ya Vitamin A di fokoditswe ditlhotlhwa gore barui ba kgone go di rekela leruo la bone. O ne a gakolola thata barui gore jaanong puso e tsere tshwetso ya gore barui fa ba na le diteseletso ba ka ithekisetsa leruo la bone kwa mafatsheng a a mabapi.

Rre Molebatsi a re pele thekiso e ka tswelela barui ba tlhokana le go tlhatlhoba leruo la bone ba bo ba tsaya diteseletso go tswa mo Botswana le kwa lefatsheng le ba batlang go rekisa kwa go lone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : Serowe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Sep 2013