Breaking News

Tsela ya Kgomokasitwa ga ya lebalwa

01 Sep 2013

Tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi o tlhaloseditse baagi ba Kgomokasitwa kwa kgaolong ya borwa gore tsela ya dikhilomithara di le lesome le bone, go tswa kwa Molapowabojang  e tlaa dirwa fela fa seemo sa madi se sena go tokafala, ka e kile ya tsena mo leaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo.

Tona Molefhi o buile jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Kgomokasitwa mo bosheng,  morago ga gore morafe wa motse oo o mmatle ka patla le jase, o batla go tlhalosediwa gore tsela ya bone e e neng e tshwanetse go dirwa e kae ka le mealo ya yone ene e setse e dirilwe.

Baagi ba ne ba bolelela tona gore ba batla tsela ka go le sebaka ba ntse ba bolelelwa gore tsela e ntsheditswe madi, ba makala fa ba utlwa go twe kwelotlase ya itsholelo e tsentse tiro eo ka lenga la seloko.

Ba  boletse fa tsela eo e le maswe fela thata, mo e bileng balwetse ba bone ba tlhokafala mo tseleng pele ba fitlha kwa kokelong kwa Lobatse. Ba boletse fa seemo seo se tsitsibanya mmele le go feta fa dikoloi di rwele  bomme ba ba itsholefetseng le mo diphitlhong.

Ba re  beng ba dipalamo tsa setshaba ba gana go dirisa tsela ya bone, mo e bileng  bana ba sekole se segolwane kwa Molapowabojang ba lofa ka gore ga go na dipalamo.

Tona Molefhi o ba boleletse gore maikaelelo a puso ke go ba agela tsela ya sekontere, sebe sa phiri e le  madi a a tlhaelang mo e bileng puso e bone gore ditlhabololo ka bontsi tse di neng di le mo ditogamaanong, di seegelwe fa thoko, go dirwe tse di ka lekang go tsenya madi pele.

A re  sekontere  se turu fela thata, a bolela gore lephata la gagwe le fiwa P300 million ka ngwaga mme ba tlhoka P1 billion go aga ditsela. A re ka jalo ba bone go le botoka gore tsela ya bone e gopiwe gangwe mo dikgweding tse tharo fa ba sa ntse ba emetse madi.

Le fa gontse jalo modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Leach Tlhomelang, o kopile tona go kopana le matona a mangwe gore ba bue ka kgang ya tsela ya Kgomokasitwa e e tswang kgakala go buiwa ka yone mme go se nko e e tswang lemina.

Mopalamente wa Kanye bokone, Rre Kentse Rammidi, o dumalane le mogopolo wa gore makgetho a ditsela  mo bakgweetsing ba ba rekang keokwane a okediwe, a re mo mafatsheng a a bapileng le Botswana, a kwa godimo mme Batswana ba duela fela go se na tsapa le ba fisang pelo.

Rre Rammidi o ngongoregile ka maphata mangwe a e a reng ngwaga wa madi o fela, a bo a busa madi le mororo go na le letlhoko mo maphateng a mangwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Sep 2013