Banana ga ba dirise motlobo
01 Sep 2013
Mogolwane wa motlobo wa dibuka kwa Serowe, Mme Chatiwila Loeto a re o tshwenngwa ke go tlhoka go dirisiwa ga motlobo o ke banana. O buile jaana kwa thuto puisanong ya malatsi a mararo kwa Serowe bosheng.
Mme Loeto a re o etse tlhoko gore banana ba boutsana go etela motlobo wa dibuka, mme ba tshologela fela ka dinako tsa go kwalwa ditlhatlhobo. A re se se a netefala ka banana go le gantsi fa ba etetse motlobo ba tshwaragana le bothata ba sa itse go dirisa ditlamelo tsa motlobo.
Mme Loeto a re ditlamelo tsa motlobo di dintsi e bile di ka solegela banana molemo segolo bogolo mo go ba ba eletsang go nna bagwebi. A re dibalaamakgolo le tsone di teng go ka ba thusa, e bile go na le thutuntsho ya tsone e e tsayang dibeke tse thataro, ka jalo a kopa banana go di tsena.
A re motlobo o diretswe mongwe le mongwe go o dirisa ka jalo ba se nne maoto a tshupa go o etela. O bile a supa fa mo malatsing a gompieno phadisanyo mo go tsa kgwebo e ile magoletsa ka jalo go itsalanya le ba mafatshe a sele ka go gokaganya ga maranyane a internet go ka thusa thata ka maele a go tlhabolola dikgwebo tsa mo gae.
Mme Loeto a re banana ba ba eletsang go dira dikgwebo ba dirise motlobo ka o na le dibuka tse di ka ba thusang go simolola dikgwebo tsa bone,le go di atlolosa. Banana ba Serowe ba gwetlhilwe go di goga kwa pele mo go diriseng motlobo ka o ka tokafatsa seemo sa thuto go menaganye. Mme Loeto a re ditlamelo di tsewa go sa lopiwe sepe ka jalo banana ba di dirise nako e santse e letla, a tlatsa ka gore dinako di a fetoga mmogo le ditlhabologo,mme ba seka ba salela kwa morago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sethunya Malaakgosi
Location : Serowe
Event : Dithuto-puisanyo
Date : 01 Sep 2013






