Ba Mahalapye ba kopiwa go somarela metsi
01 Sep 2013
Batho ba Mahalapye ba gakolotswe go dirisa metsi sentle ka jaana phaephe e gogogang metsi go tswa kwa letamong la letsibogo le e e gogang metsi go tswa kwa didibeng tsa Palla-Road di thubegile.
Moitseanape wa koporase ya metsi, Rre Kutlo Kgobero, o boletse mo potsolotsong gore go thubega ga diphaephe tseo ka bobedi, go bakile tlhaelo ya metsi mo metseng ya Shoshong, Kalamare, Mmutlane, Bonwapitse, Mahalapye le Palla-Road.
O kopile setshaba go dirisa metsi ka kelelelo ka jaana ba na le pelaelo ya gore ba tlaa tsaya malatsi a mabedi go baakanya diphaephe tseo.
Rre Kgobero a re ba itebagantse le seemo seo ka go pompela metsi mo ditankeng tsa metse ya Shoshong, Kalamare, Mmutlane, Bonwapitse le Taupye gore batho ba metse eo ba se ka ba amiwa thata ke tlhaelo ya metsi fa ba sa ntse ba baakanya fa go senyegileng teng.
Ka nako ya kgang e e kwalwa dikgotlana tse di neng di amilwe thata ke tlhaelo ya metsi e ne e le tsa Xhosa1, Flowertown, Madiba, Tlhomadithotse, Botalaote, Herero, Konyana, Dilaene, Tidimalo le Leretlwa, mme a bolela fa maikaelelo a kompone ya Water Utilities e le go baakanya diphaephe tseo ka ponyo ya leitlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thebeetsile Orapeleng
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 01 Sep 2013






