Banana ba Dimajwe ba itlhotlhora lehuma
01 Sep 2013
Mo maitekong a bone a go nyeletsa lehuma, banana ba Dimajwe kwa kgaolong ya Serowe Bokone Bophirima, ba tlhamile lekgotla la koporase e ba tlaa ithusang ka yone gammogo.
E rile a bua kwa dithuto puisanong di rulagantswe ke ba lephata la dikoporase kwa motseng oo mo bekeng eno, mogokaganyi wa koporase eo, Rre Sam Tlhaodi, a tlhalosa gore koporase ya bone e tlaa bo e dira marotho ka mefuta le dijeme tsa marotse, magapu le morula.
Rre Tlhaodi a re ka ntlha ya gore ba kgakala le ditlamelo, ba ne ba tswa ka mogopolo wa itshetso. O tsweletse ka gore e re ntswa maloko ka bontsi e le bomme ba ba sa rutwang go dira dijeme, dipaakanyo di tsweletse go ya go rutuntsha bomme bao ka kgwebong ya go dira dijeme.
A re dithuto tse di tlaa nonotsha bomme mo kgwebong ka e bile e le bone ba amilweng le lehuma bobe. A re ba tlhophile mofuta wa kgwebo wa koporase ka o le motlhofo go tlhamega e bile o itebagantse thata le go kotafatsa itsholelo ya maloko.
Rre Tlhaodi o tsweletse ka gore mo mafatsheng a mangwe, dikoporase di na le seabe se segolo mo tsamaisong ya itsholelo ya mafatshe e bile di fa dikompone tse di ikemetseng le tsa puso kgaisano e e mashetla. Mothusa motlhomamisi wa dikoporase, Rre Motse Otlhabanye, o ne a akgolela banana ba Dimajwe go tsaya kgato ya go tlhama koporase ka e ka tlhabolola motse wa bone.
Rre Otlhabanye o ne a tlhagisa maloko gore gantsi dikoporase di digwa ke gore maloko a nna pelotshetlha fa a bona madi a nna mantsi mme ba a je, phelelong kgwebo e we.
A re mo malobeng, dikoporase di ne di digwa ke go tlhoka go ipaakanyetsa kgaisano le ba bangwe ba ba fang ditirelo tse di tshwanang le tsa bone, a tlatsa ka gore mo malatsing ano go na le dithuto tsa go tsamaisa dikgwebo le go gaisana mo mebarakeng, ka jalo maloko a di sole molemo gore kgwebo e se ka ya phutlhama.
O tsweletse ka gore lephata la gagwe le tlaa nna le thusa ka go dupa dibuka tsa bone le go fa bogakolodi fa koporase e sa ntse e simolola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tautona Chaba
Location : Serowe
Event : Dithuto puisanyo
Date : 01 Sep 2013






