Breaking News

Ba a tla mogopolo wa puso

01 Sep 2013

Batho ba kgaolo ya Mahalapye Botlhaba ba atlile tshwetso ya gore puso e thape babueledi go ba emela kwa makgotleng a ditsheko.

Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso o tlhaloseditse diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Dovedale, Mmaphashalala, Pallaroad le Mookane bosheng ka melao e e dumalanweng ke palamente.

Mme Tshireletso a re palamente  e dumalane le molao wa gore batho bangwe ba se ka ba jewa ntsoma ke  ba ba nang le dithata tsa go hira babueledi.  A re batho ba ba tlaa thusiwang ke puso ka babueledi, ke ba ba sa amogeleng madi a fetang P1500 00 ka kgwedi ka jaana batho ba go nna jalo ba ntse ba kokonelwa ke dikgang tse di sekelwang kwa makgotleng a bommakaseterata ka ntlha ya go itlhaela go thapa babueledi.

Mopalamente Tshireletso, yo gape e leng mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, a re mo dingwageng tse di fetileng, Batswana ka bontsi ba ne ba ngongoregisiwa ke ditsheko tsa leruo tse di neng di sekelwa kwa makgotleng a bommakaseterata ntswa bone ba se na madi a go thapa babueledi, ka ntlha ya letlhoko la madi, mme a bolela fa mo nakong ya gompieno, puso e  ba dule mokgosi.

O tlhalositse fa bangwe ba ne ba welwa ke  dikgang  tse di neng di sa ba lebagana, fa bangwe bone nne ba amogiwa ditsabone di akaretsa didiba, mme kgangkgolo e le go tlhoka mmueledi.

Baagi ba ne  ba akgolela puso go ntsha  mogopolo wa go ba hirela babueledi ka jaana ba tswa kgakala ba jewa ntsoma ke batho ba ba neng ba ba utswela dikgomo mme, morago ba thape babueledi.

Ba re molao oo, o tlaa thusa batho ba ba dikobo-dikhutshwane go seka kwa makgotleng a bo mmakaseterata ba se na letshogo lepe la go gatelelwa. Mme Tshireletso o ne a rerisa morafe ka tsa palamente e e fetileng a bo a tsaya megopolo ya go ya palamenteng e e tlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbui

Location : Mahalapye

Event : Kgotla meeting

Date : 01 Sep 2013