Breaking News

Batlhophi ba tlhoka thotloetso

29 Aug 2013

Mokwaledi wa ofisi e e ikemetseng ya ditlhopho, Rre Gabriel Seeletso, o kopile ba-na-le seabe, ba ba akaretsang baemedi ba komiti ya diphathi go thusa go gasa molaetsa wa ditlhopho mo batlhophing.

O buile jalo fa a  ne a tshwere  phuthego e e tletseng ya khansele kwa Masunga bosheng.

O ne a sedimosa gore ba ka thusa ka go tsibosa le go kgothatsa batho ba dikgaolwana tsa bone go dirisa tshwanelo ya bone ka go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba tsa 2014 mo ikwadisong e e tlaa simololang Phalane a tlhola gane, go fitlha e le masome a mabedi le bosupa.  

A re batlhophi ba tlhoka  dikgakololo tse di farologanyeng, jaaka go ba gakolola  gore dikarata tsa bone tsa Omang di tshwanetse tsa bo di le mo tirisong e bile ba na le dingwaga tse di lesome le boferabobedi le go feta.

Rre Seeletso a re mongwe le mongwe o tshwanetse a ikwadisetsa ditlhopho mo kgaolwaneng e a nang le legae la boroko mo go yone.

O tsweletse a bolela fa ipapatso e setse e dirilwe mme ofisi ya gagwe e le mo lenaneong la go thapa  ba ba tlaa dirang tiro eo ya go kwadisetsa ditlhopho, a re e tlaabo e dirwa ke batho ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi le go feta, ba dirile dithuto tsa mophato wa botlhano kgotsa tse di tsamaelanang le tsone e bile ba sa bereke gope.

Rre Seeletso o ne a itsese ba-na-le seabe gore pego ya komiti e e neng e kgaoganya melelwane ya dikgaolwana e dule, a re go dira jalo ke bontlha bongwe jwa go ba fa sebaka sa go tsibosa batlhophi ka diphetogo tse di ka tswang di nnile teng mabapi le matlhophelo le go kgaoganngwa ga dikgaolwana tsa bone.

Ba-na-le seabe bangwe,  bontsi jwa bone e le ba kgaolo ya botlhophi ya Tati bophirima, ba ne ba supa fa ba sa kgotsofalele pego eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 29 Aug 2013