Batswana ba tlhoka thuto ka CEDA
29 Aug 2013
Lekgotla la CEDA le gakolotswe go tlhagafalela go ruta setshaba ditsamaiso tsa lone go ba tlhofofaletsa go dirisa mananeo a lone ka botlalo.
Fa mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Ndinani Makhulela a akgela mo mafokong a moeteledipele wa lekgotla leo mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele ya Bokone Botlhaba bosheng, o ne a supa fa go na le banana ba ba sa itseng gore ba letlelesega go ipopa setlhopha mme ba kopa dithuso tsa madi tsa lenaneo la balemi-barui ba banana (Young Farmers Fund).
A re go tshwaraganela kgwebo moo go ka thusa banana go bona kadimo e kgolwane ka monana mongwe le mongwe a tlaa bo a lejwa ka boene le ntswa kgwebo e le ya bone botlhe. O ne a kaa fa thulaganyo e e ka thusa bagwebi ba banana go lepalepana le ditlhotlhwa tse di kwa godimo tsa didirisiwa tsa temo-thuo, tse a supileng fa gantsi monana a ka seke di kgone tsotlhe ka kadimo ya gagwe a le mongwe.
O gakolotse batho go latlha kakanyo e e atileng ya gore kgwebo e ka atlaga fela fa mong wa yone a ikemetse ka nosi. Mokhanselara yoo o ne a kopa ba CEDA go tsamaya le metse ba ruta batho ditsamaiso tsa bone.
Go sale foo, mokhanselara Makhulela o ne a akgolela ba CEDA go nolofatsa dingwe tsa ditsamaiso, jaaka gore jaanong ba letlelela lenaneo la kgwebo (business plan) le le kwadilweng ka Setswana. Mokhanselara wa Moroka Rre Edward Makhumalo ene o ne a lela a re ba CEDA ba gogela moja wa kobo fela ka fa bananeng.
Rre Makhumalo o ne a supa fa tsamaiso e e gatelela bagolo ba ba eletsang dithuso tsa madi a temo-thuo. A re se se botlhoko ke go bo bagolo ba ba iteetsweng kwa ntle ba, ba ikiteile sehuba go ka nna kwa merakeng le kwa masimo go tlhokomela dikgwebo tsa bone fa banana bone ba sa ntse ba kgatlhwa ke botshelo jwa ditoropo.
E ne e rile go le pele, moeteledipele wa CEDA Rre Thabo Thamane a lekodisa makhanselara ka ditsamaiso tsa CEDA, a tlhalosa fa mangwe a maikaelelo a bone e le go rotloetsa mowa wa go tlhoma le go tsamaisa dikgwebo, go rotloetsa kgolo le go tswakanngwa ga itsholelo ga mmogo le go nna manontlhotlho mo go neeng dikgwebo ditirelo tse di di tlhokang.
Rre Thamane o ne a re bagwebi ba banana ba ka pataganela kgwebo mme ba kopa dithuso tsa madi kwa lekalaneng leo. Le fa go ntse jalo o ne a kgalema bagolo ba ba itshunyang nko mo dikgwebong tsa banana, boemong ja go ba fa thotloetso.
A re bangwe ba tsosa tlhakatlhakano mo dikgwebong tsa bana. Mo ntlheng ya gore ba sekametse fela ka fa bananeng, Rre Thamane o ne a ganetsa, a re se ba se batlang fa ba sekaseka kopo ya mogwebi wa mogolo ke thulaganyo e e papametseng ya gore o ya go tlhatlhangwa ke mang mo go tsamaiseng kgwebo eo.
Rre Thamane o ne a itsese makhanselara fa go sena boammaaruri go re lekgotla la la CEDA ga le thuse ba ba ba ruelang mo lefatsheng la morafe. A re ga se nnete go re ba thusa ba dipolasi fela,a tlhalosa fa ba thusa ba meraka fa ba kgotsofatsa ditsetlana tse di beilweng di kakaretsa gore moikopedi o ya go dira jang ka twantsho malwetse, tsadiso le jone tota bogodu jwa leruo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya khansele
Date : 29 Aug 2013






