Banni ba rotloediwa go amogela diphetogo
29 Aug 2013
Banni ba Mapoka, Nlapkhwane le Masukwane mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba kopilwe go amogela diphetogo tse di amileng metse eo morago ga kgaoganyo melelwane ya dikgaolwana.
Ba kopilwe jalo ke mopalamente wa bone, Rre Charles Tibone mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo bosheng. O boletse gore, o ne a bona go tshwanela gore a rwale ditlhako go ya go ba tlhalosetsa melelwane ntswa ba ka tswa ba di utlwile.
Rre Tibone o ne a ba itsese fa phetogo eo, e dirwa morago ga palo batho le tshekatsheko ya dikgaolo le dikgaolwana, a re dipalo di ne tsa supa fa kgaolo ya Tati Botlhaba e na le palo e e fa godingwana mo go ya Tati Bophirima mme ga baka gore kgaolo ya bone e fiwe diphatlha tsa bokhanselara di ferabongwe.
Lekoko le le neng le sekaseka sesha dikgaolo tsa botlhophi ngogola, le ne la fudusa kgaolwana ya Ditladi mo Tati Bophirima go ya kwa Tati Botlhaba le go fudusa kgaolwana ya Ramokgwebana go tswa mo Tati Botlhaba go ya Tati Bophirima.
Go tlodisediwa ga kgaolwana ya Ramokgwebana kwa Tati Bophirima, go ne ga tlama gore kgaolwana e nngwe ya Tati Bophirima e phatlaladiwe gore di nne boferabongwe mme ya re komiti e e neng e kgaoganya dikgaolwana e dira tiro ya yone, ditaola tsa yone tsa wela kwa kgalolwaneng ya Nlapkhwane e pego ya yone e supileng fa e le yone e phatlaladitsweng.
Phatlalatso eo, e ne ya isa motse wa Nlapkhwane kwa kgaolwaneng ya Mapoka fa motse wa Masukwane o le one o neng o wela ka fa tlase ga kgaolwana ya Nlapkhwane, o ne wa isiwa kwa kgaolwaneng ya Mosojane. Rre Tibone a re le fa go ntse jalo, makhanselara a bone a nako eno a tlaa goga le bone go fitlha go iwa ditlhophong tsa 2014, a re mme fela mo ikwadisetsong ditlhopho tsa setshaba e e tla simololang kgwedi ya Phalane e tlhola gane go fitlha e le masome a mabedi le bosupa, ba Nlapkhwane le Masukwane ba tlaa bo ba dira jalo ka fa tlase ga dikgaolwana tsa bone tse di sha.
Mopalamente o ne a ba kopa gore phetogo e e seka ya ema pele ditlhabololo pele mo metseng ya bone, a re metse e e welang mo kgaolwana e le nngwe e tshwanetse ya bereka e le seopo sengwe, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di dirisana, e bile di tshwarganela ditogamaano tsa ditlhabololo.
Rre Tibone o ne a tswelela ka go ba tlhalosetsa fa go sena ope yo mo nakong eno a ka nnang le dithata tsa go senyolola pego eo, a re fela ba tshwanetse ba itse fa melelwane ya sepolotiki e sa amane le ya bogosi.
Banni ba ne ba supa fa ba le sebete se molangwana ka pego eo, ba kgala komiti e e neng e dira tiro ya go kgaoganya dikgaolwana, ba re ba ipotsa gore e ne e lebeletse eng, ka le yone megopolo e e neng ya ntshiwa ke banni ba kgaolo ya Tati Bophirima e sa diragadiwa.
Bangwe ba ne ba supa fa phetogo eo e tlaa thatafaletsa makhanselara ba dikgaolwana tseo go dira tiro ya bone, bogolo jang ka ba tlaa bo ba okeleditswe palo ya metse. Ba tsweletse ba ngongorega ka dipalo tsa palo batho e e sa tswang go dirwa, ba re ga e a dirwa sentle ka dipalo di sa tsamaelane le palo ya batho ba ba mo metseng ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MAPOKA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Aug 2013






