Batswana ba kgothadiwa go tsaya Omang
29 Aug 2013
Mogolwane wa lephata la Omang, Matsalo, Dintsho le Manyalo kwa Sefhare, Rre Willie Sethebe, o kgothaditse Batswana ba ba nnang mo kgaolong ya Tswapong borwa go ya go tsaya dikarata tsa bone tsa Omang kwa ofising ya Sefhare.
Rre Sethebe o boletse mo potsolotsong gore badiri ba lephata la gagwe kwa Sefhare ba na le dikarata tsa Omang di le makgolo a matlhano tse beng ba tsone ba iseng ba kgone go di tsaya, mme a bolela fa ka ntlha ya letlhoko la koloi ba retelelwa ke go tsamaya le kgaolo go neela batho dikarata tsa bone.
A re ba sale ba isa koloi kwa CTO ngogola mme nako kgolo ke eno, mo e bileng ba patelesega go adima koloi mo lephateng la bone kwa Serowe gore ba kgone go tsamaya le metse ya kgaolo eo go neela batho dikarata gore e re ikwadisetso ditlhopho e simologa ka kgwedi ya Phalane monongwaga ba kgone go tlhopha ba sa kgoreletsege ka dikarata tsa bone di tlaa bo di le mo tirisong.
Rre Sethebe o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le ba lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho e le go kopanela diphuthego le dithuto-puisano go tlhalosetsa Batswana ka botlhokwa jwa ditlhopho le go nna le Omang o o mo tirisong ka e le ene ba ka mo dirisang go tlhopha Puso e ba e batlang.
Rre Sethebe o boletse gore e re ka ba tlhaelelwa ke dipalamo ba kopa batho ba metse e e gaufi le Sefhare jaaka Moshopha, Chadibe le Borotsi go ya go tsaya dikarata tsa Omang kwa ofising ya Sefhare fa ba metse ya Ramokgonami,Seleka/Tumasera Machaneng,Letloreng,Ngwapa,Mokobeng le ba dipolase tsa Tuli-block bone ba tlaa isediwa bo Omang ba bone mo nakong e khutshwane go sena go adimiwa koloi kwa Serowe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : SEFHARE
Event : Potsolotso
Date : 29 Aug 2013






