Banni ba tlhagisiwa ka dikotsi
29 Aug 2013
Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya, o tlhagisitse balemi ba masimo a Dikabeya gaufi le Palapye gore ba ikele tlhoko mo dikotsing tsa dikoloi, bogolo jang fa ba kgabaganya tsela e tona ya A1. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa masimong ao bosheng.
A re ba nne kelotlhoko fa ba kgabaganya tsela ka gore dikoloi tsa tsela ya A1 di taboga ka lebelo le le feteletseng. O ba rotloeditse gore monongwaga ba ye go lema dijo tse dintsi, tse ba ka kgonang go jesa motse wa Palapye le tikologo, mme ba ka kgona go dira jalo fa ba ka lema ka ditselana fela botlhe.
Le fa go ntse jalo, Rre Goya o tsweletse a ba itsise gore monongwaga puso ga e na go kwadisa terekere epe e e sa lemeng ka ditselana. O ne a ba kgothatsa a re ba inaakanye le lenaneo la go dira terata e e tlhakanetsweng gore puso e tle e ba thuse ka ditsompelo tsa go gokela sediba se ba ka nwang mo go sone le gore ba ikhutse go senyediwa ke diruiwa le diphologolo mo masimong a bone.
A re nngwe ya dikgang tse di builweng kwa palamenteng ke gore molao wa makgotla a Setswana o tlhabolotswe, go tlaa nna le wa dikgotla tse ditona le wa tse dinnyenyane a bolela fa dikatlholo tsa ditsheko tsa tsone di tlaa farologana go ya ka bogolo jwa tsone.
O tsweletse ka gore go okeditswe dikatlholo tsa badira molato wa go dirisa ditlhapa a re katlholo eo e simolola ka makgolo a matlhano a dipula go ya kwa godimo.
Balemi ba ne ba ikuela mo go mopalamente fa ba sa jesiwe diwelang ke bogodu jwa leruo kwa kgaolong ya bone.
Mopalamente o ne a kopa balemi go bega dikgetse tsa bogodu gore go tsewe dikgato. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : DIKABEYA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Aug 2013






