Breaking News

Setlhopha sa moopelo se aba ntlo

29 Aug 2013

Dikereke di akgoletswe go kgathalela go busetsa seriti sa Batswana ba ba tlhokileng lesego ka go ba agela bonno.

E rile a ntsha molaetsa o o faphegileng kwa tirong ya setlhopha sa moopelo sa Masa sa kereke ya Trinity ya UCCSA go abela Mme Bakae Phiri wa dingwaga tse 65, ntlo e e lopileng P80 000 kwa Lesirane kwa kgaolong ya Mogoditshane, Rre Duke Masilo, a supa fa e le boikarabelo jwa Batswana go tsibogela bothata jwa ba ba tlhokileng lesego.

A re mowa wa boutlwelobotlhoko ga o a tshwanela go ikaega fela mo makgotleng a a ikemetseng jaaka dikereke le bagwebi mme o tshwanela go bonala gape le mo Batswaneng ka bongwe.

Rre Masilo, yo o okametseng lenaneo la ga tautona la go agela batlhoki matlo, a re maiteko a go ema thulaganyo ya go agela batlhoki bonno a tsweletse, mme a gwetlha tshwaragano ya bana le seabe go thusa go busetsa seriti sa bao ba tlhokileng lesego ka go ba fa seriti ka go ba agela bonno

Rre Masilo a re, e re ntswa bathata jwa lehuma bo bonala thata mo metseng e e kgakala le ditlamelo, go lemotshegile gore puso e sa ntse e lebangwe le ke namane e tona ya bothata jwa seemo sa lehuma le mo metseng ya magae.

A re mananeo a tshwana la nyeletso lehuma  a ka fokotsa seemo sa botlhoki jwa nta ya tlhogo jo bo amileng thata bontlha bongwe jwa batho ba lefatshe leno. O akgotse le go lebogela setlhopha sa Masa mowa o o golang wa seabe sa dikereke, a re  tiro ya mofuta o, ke ya boraro mo nakong e khutshwane e ntse e eteletswe pele ke kereke kwa kgaolong ya kweneng.  

Ntlo eo ya dikamore tsa boroko tse pedi, kamore e e tlhapelang le ya boapeelo di ne tsa rolelwa Mme Phiri ke modulaestilo wa Sinoto ya kereke ya UCCSA, Rev Keloneilwe Kgerethwa.

Rev Kgerethwa a re o kopile Bakeresete go gwetlhega ba itse fa ba na le pitso ya go thusa ba ba mo pitlaganong, ka jalo seabe sa bone se le botlhokwa fela thata.

Mme Phiri o ne a abelwa le  tshingwana ya merogo le pompo ya metsi, bolao le dikobo dijo le didirisiwa tse di apayang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOGODITSHANE

Event : Kabo ya ntlo

Date : 29 Aug 2013