Twantsho tlhako le molomo e tlhoka popagano
21 Jan 2013
Balemi barui ba kgothaditswe go thusana le puso go leka go thibela bolwetse jwa tlhako le molomo.
Kgothatso e e dirilwe ke mokwaledi mogolo wa lekgotla la barui la kgaolo ya bokone bophirima, Rre Simon Bojosi kwa Sepopa bosheng. Rre Bojosi o boletse fa a tshwenyegile ka seemo mo kgaolong ya Ngami mme a re bothata ke gore barui ga ba dirisanye thata le puso.
O boleletse barui gore go tlhomilwe letlole la Ngami la twantso tlhako le molomo le setshaba se tlaa kgothadiwang go tsenya letsogo ka go le ntshetsa sengwe. A re puisano e e lolameng ya barui le buso ke yone e e botlhokwa thata.
O ngongoregile ka seemo sa gore fa go tla mo kgannyeng ya twantsho tlhako le molomo, khansele, makgotla a balemi mo kgaolong le badirela puso ba ikemela ka bo nosi, a supa fa se se ka seke se rarabolole bothata jwa bolwetse jo.
Rre Bojosi o boleletse barui ba dikgomo gore baitsaanape ba mehama e e farologanyeng jaaka ba tikologo, ba tiriso lefatshe le ba melelwane ba ba ntseng ba sekaseka seemo le mathata mo kgaolong eo mme e tlaa re ka kgwedi ya Mopitlo e fela ba ntshe pego e e supang tsotlhe tse ba di lemogileng mo kgaolong ya Okavango le Ngamiland.
O tlhalositse gore pego e e tlaa dirisiwa ke puso go seka seka seemo mo kgaolong e.
Mongwe wa barui, Rre Othusitse Nkape le ba bangwe ba ne ba akgela, mme ene a akgola Rre Bojosi a re mogopolo o a tlang ka one o botlhokwa mme go mo maruding a morafe go o tsaya mme ba o tsenye mo tirisong.
O gakolotse gore se se botlhokwa ke go kgaoganya diphologolo le leruo,mme a re ba tshwanetse go thusa goromente go aga diterata ka kgaolo ya bone e le yone e e amilweng ke leuba thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Gumare
Event : Phuthego ya balemi
Date : 21 Jan 2013






