Breaking News

Makhanselara a itumelela sekole

28 Aug 2013

Makhanselara a kgaolo potlana ya Good Hope ba iteetse puso legofi ka go aga sekole se sebotlana kwa Gopong.

Makhanselara a re bana ba motse oo ba tsena sekole kwa metseng ya Lorwana le Digawana kwa ba tlhalosang fa go le sekgala go tswa kwa Gopong. Ba buile mafoko ao kwa bokopanong jwa bone jwa khansele, morago ga pego ya modulasetilo wa khansele potlana eo.

Ba re puso e leka fela thata le ntswa e amilwe ke kwelo tlase ya itsholelo ba re seo ke sesupo sa gore puso e gatetse pele mo go tlhabololeng matshelo a Batswana. Sekole seo se agiwa ka lenaneo la Ipelegeng. Le fa go ntse jalo, makhanselara a ne a lela ka ditsela tse di sa tsamaegeng tsa kgaolo eo, a re di diphatsa.

Mo go tse dingwe, makhanselara a ne a supa fa go sa ntse go na le tlhaelo ya dipilisi mo dikokelwaneng ka go farologana ba re seo se baya balwetse mo diphatseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : GOODHOPE

Event : Bokopano jwa khansele

Date : 28 Aug 2013