Breaking News

Barui ba tlhorontshiwa ke mangau

28 Aug 2013

Barui ba moraka wa Poje gaufi le Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, ba lela sa khuranyo ya meno ka mangau a a ba jelang dihutshane.  

Mongwe wa barui ba moraka oo, Rre Maduo Kelailwe yo mo bosheng mangau a mo jetseng dipodi di le lesome le borataro, o boletse mo potsolotsong gore  mangau a simolotse go tlhasela diruiwa kgwedi e e fetileng. O supile fa ba setse ba itshwaragantse leba lephata la diphologolo le makgabisa naga mme a re ba sa ntse ba emetse dikatso ka ba sale ba supa diruiwa tseo.

O tsweletse a supa gore batlhokomedi ba diphologolo tsa naga ba ba kopile gore ba se ka ba bolaya dibatana tseo mme ba di tshose fela. Rre Kelailwe ke mongwe wa barui ba banana ba ba ikemetseng ka dinao ka e bile a na gape le dikgomo tse a di filweng ka lenaneo la banana.

O supile gore fa seemo se sa tokafale, o tlaa fudugela kwa merakeng e mengwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 28 Aug 2013