UCCSA e ruta bana bobelontle
28 Aug 2013
Bana ba tshwanetse go rutwa lerato le go abelana ba sale bannye.
Mafoko a, a builwe ke mokwaledi wa sekole sa tshipi wa kereke ya United Congregation Church of Southern (UCCSA) Mme Rebecca Motswetla, fa bana ba dikole tsa tshipi tsa kereke eo ba ne ba abela dimpho bana ba legae la SOS kwa Serowe ka mafelo a beke.
Mme Motswetla o tlhalositse fa thuto e, e le mosola fela thata ka bana ba ithuta ba sa ntse ba le bannye gore batho ga ba lekane mme ka jalo fa ba ba kgonang ba thusa ba bangwe go mosola fela thata. A re lekgotla le la bone la dikole tsa tshipi le ruta bana thata go nna pelontle mo go ba bangwe, a tlatsa ka gore ba itlamile gore ngwaga le ngwaga ba batle bangwe mo kgaolong ya bone go ba abela dimpho.
Moono wa letsatsi le, e ne e le go rotloetsa mowa wa kabelano le lerato mo baneng ba dikole tsa tshipi, mme ba ne ba abela bana ba legae la SOS melora le didirisiwa tse di tlhapang. Mme Motswetla a re mokgatlho wa bone o bidiwa Lesoso, mme o akaretsa dikole tsa tshipi tsa kereke ya UCCSA go tswa mo metseng e tshwana le Mabeleapodi, Palapye, Lerala, Pilikwi, Paje le Orapa.
O tlhalositse fa e sale ngwaga wa 2009, ba simolola tiro e ya bone ya kabelano le lerato ka bangwe kwa Kalamare mme ba ntse ba dira jalo le mo metseng e mengwe e e mo kgaolong ya bone. A re maikaelelo a bone gape ke go dira botsalano magare ga bana ba dikole tsa tshipi le ba bangwe, gore ba itse ba bangwe mme ba itse thata le go aba. A re kereke e tshwanetse go itsiwe ka ditiro tse di molemo, e di dira e bile e tlhokomela setshaba sa yone.
Mme Motswetla o ne a kopa batsadi go ema ka dinao, go itse gore tlhokomelo ya ngwana go tewang le gore ngwana o tlhoka tlhokomelo ka e le bone isago ya lefatshe. E rile a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Serokwalwane Rre Setlalekgosi Molefhi a leboga go menagane ba kerekeya UCCSA.
Rre Molefhi a re thuto e ba e fang bana ba bone ke thuto e e mosola fela thata ka e betla bana go tshoga ba nna baeteledipele ba ba nang le boikarabelo. A re legae la SOS ke legae le le tlhokomelang e bile le godisa bana, mme fa setshaba le dikereke ba ka tshwaraganela go thusa bana ba, go ka nna molemo fela thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 28 Aug 2013






