Ditlamelo di ka dira tiro motlhofo
21 Jan 2013
Badirelapuso kwa Seronga mo kgaolong ya Okavango, ba boleletse mopalamente wa kgaolo, Rre Bagalatia Arone gore ba kopa go agelwa tsela. Ba buile jalo mo phuthegong e mopalamente a neng a e tshwerwe bosheng, fa a lekola kgaolo ya gagwe.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Seronga, Mme Lillian Mathumo, o tlhalositse fa letlhoko la tsela e e siameng le kgoreletsa badirelapuso ba bantsi go ithekela dikoloi. A re ga ba itumedisiwe ke letlhoko la motlakase le tirisano ya bodirelapuso. O tladitse ka gore bana ga bana dibuka le ditlamelo tse dingwe tsa sekole.
O tlhalositse fa go tlhokisa baithuti ditlamelo e le go ba kgokgontsha mme a fa sekai sa gore fa go ne go na le tsela e e siameng, ba ka bo b ba dirisa dikoloi tsa bone go latela dibuka tse di tlhokegang.
Mopalamente Arone o ne a ba kgothatsa go itshoka ka jaana go sa ntse go baakanngwa seemo. O akgoletse badirelapuso go itshokela go direla kwa kgaolong e e nang le dikgwetlho ya Okavango. O buile gape gore go dirisana le maphata a mangwe a puso go botlhokwa thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimune
Location : Gumare
Event : Kgotla Meeting
Date : 21 Jan 2013






