Breaking News

Dintwa tsa bogosi di a tshwenya

28 Aug 2013

Mothusa mookamedi mo lephateng la makgotla a Setswana, Rre Godfrey Moitlobo a re puso e tshwenyegile thata ka dintwa tse di farafereng bogosi.

Rre Moitlobo o buile jalo mo phuthegong ya dikgosi kwa Ghanzi. Phuthego e, e ne e kopantse magosi otlhe a kgaolo ya Ghanzi go buisanya ka tse di tshwenyang bogosi. Rre Moitlobo a re gantsi dintwa tsa bogosi di tsosiwa ke go tlhoka go ithulaganya ga ba malwapa a bogosi.

A re go tlhoka go ikaelana e le ba ntlo ya bogosi go tsosa modumo fa jaanong go tshwanetse gore go tlhomiwe yo o latelang mo setilong sa bogosi. O kgothadiste magosi gore ba ithulaganye sentle fa ba sa ntse ba le mo botshelong mme ba supe bana sentle ka fa tsamaisong le tlhomamo e tshwanetseng ya Setswana. O ba kopile gape gore ba dire mokwalo segolo bogolo mo go ba ba tshwareletseng.

Rre Moitlobo a re bagolo mo lwapeng e le bo rangwane ba ka kwala mokwalo o o supang gore ke mang yo o tlaa gatang setilo fa yo o mo tshwareletseng a se fologa. O ba gakolotse gore ba rerise morafe ka tumalano ya bone e le ba ntlo ya bogosi, mme e  re morago ba ise mokwalo kwa lekgotleng la Setswana e le bosupi jo bo ka dirisiwang kamoso. 

A re se, se ka fefosa tiro mme e bile se ka itsa le tsone dikgogakgogano tse di leng teng mo bogosing fa go tshwanetse go bewa kgosi fa yo o ntseng a le mo setilong a tlogela botshelo jo bo ka kwano; kana fa jaanong motho a tlogela tiro ka bogodi mme e neela yo a tshwanetseng setilo.

Ka jalo, o ba kopile a bo a ba kgothatsa gore ba itlotle e le dikgosi. O ba gakolotse gape gore ba nne pudi matseba mo mapolotiking; a re bana le go kgobera motshitshi fa go sa tlhokafaleng teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GHANZI

Event : Phuthego ya dikgosi

Date : 28 Aug 2013