Breaking News

Bojanala jwa dinonyane bo ka dira dipoelo - mogolwane

31 Oct 2019

 Mogolwane wa Birdlife Botswana Rre Motshereganyi Kootsositse o gwetlhile Batswana go inaakanya le bojanala jwa dinonyane, bogolo jang ka lefatshe le humile mefuta e e farologanyeng ya dinonyane.

Rre Kootsositse o buile jaana mo bosheng kwa letsatsing la go lemoga dinonyane tse di hudugang go ya mafatsheng a a farologanyeng le le neng le tshwaretswe kwa Sehithwa bosheng.

A re Batswana ba ka tlhama makgotla a a tsamaisiwang ke merafe gore ba tlhabolole methale eo ya Bojanala jwa dinonyane.

Mogolwane o ne a supa fa  letsha la Ngami le le mo Sehithwa e le lengwe la mafelo a a faphegileng mo Botswana ka go nna lefelo la dinonyane tsa mefuta tse di okang bajanala go tswa ntlheng tsotlhe tsa lebopo fa letsha leo le na le metsi.

Ka jalo, Rre Kootsositse  o ne a re go botlhokwa gore banni ba metse e tshwana ya Sehithwa ba nne le dikitso tsa go ka godisa bojanala jwa dinonyane gore ba ngoke bajanala e bile ba kgone go itshetsa.

O tlhalositse fa mokgatlho wa Birdlife Botswana o na le boikarabelo jwa go rutuntsha Batswana ka botlhokwa le tshomarelo ya dinonyane.

A re mokgatlho oo o setse o kile wa itshwaraganya le dikompone tse di farologanyeng mo Botswana go rutuntsha beng gae ka botlhokwa jwa dinonyane.

O tlhalosa fa maikaelelo a mangwe a Birdlife Botswana e le go dira dipatlisiso ka dinonyane tse di fitlhelwang mo lefatsheng leno.

Fa a tlhalosa ka dinonyane tse di hudugang, o supile fa dinoyane tse di faphegileng tseo di fitlhelwa mo mafelong a a tshwarang lesome le bobedi mo Botswana, go akarediwa le letsha la Ngami.

Rre Kootsositse o supile fa dinonyane tseo di tshela ka go huduga go tswa lefatsheng le lengwe go ya kwa go le lengwe di lebile dipaka tsa loapi tse di siameng.

A tlhalosa fa dinonyane tseo di tshwanetse tsa somarelwa ka di ngoka bajanala e bile di le botlhokwa mo tikologong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Maun

Event : Letasatsi la dinonyane

Date : 31 Oct 2019