Mapodisi a beile setopo sa mme wa Swasing
31 Oct 2019
Mapodise a Kang a tshegeditse setopo sa mme wa dingwaga tse di masome matlhano le botlhano, yo o tlholegang kwa Switzerlandkwa kokelong-potlana ya Hukuntsi, morago ga gore a amege mo kotsing ya koloi, e e feletseng e gapa botshelo jwa gagwe.
Go tlhalosiwa fa mme yo a tlhokafetse morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e pitikologe mo tseleng ya Trans-Kalahari Highway ka Tshipi.
Mo puisanong le BOPA, mookamela mapodisi a Kang, Superintendent Olebeng Chingabe, o tlhalositse fa tiragalo eo e diragatse mo tshokologong morago ga nako ya bobedi ka Tshipi, dikhilomithara di ka tshwara masome a fera bobedi go tswa mo Kang ba lebile Ghanzi.
A re mme yoo o ne a tsamaya ka koloi ya modiro wa Toyota Landcruiser, mme a pegile rre mongwe wa mosweu, yo o dingwga tse di masome matlhano le bobedi.
A re go ya ka ditlhotlhomiso tsa mapodisi, bobedi joo e ne e le bajanala ba le mo loetong go ya Namibia.
Supt Chingabe a re go bonala fa mme wa mokgweetsi a ne a leka go feta teraka, mme a retelelwa ke go boela mo moleng wa molema, a latlhegelwa ke taolo ya koloi mo e feletseng e pitikologa.
A re mo tiragalo eo, mme wa mokgweetsi o ne a tlhokafala, fa wa rre ene a ne a falola ka bobi jwa segokgo le fa a ne a bona dikgobalo tse di maswe mo kgetlaneng.
Supt Chingabe a re mopalami wa rre o ne a fofisediwa kwa Namibia go tlhatlhojwa ke dingaka.
O tlhalositse fa go santse go dirwa dithulaganyo tsa go fofisetsa setopo gae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Hukuntsi
Event : Puisanyo
Date : 31 Oct 2019