Breaking News

Badiri ba amilwe ke legadima

31 Oct 2019

Badiri ba le bararo ba marekisetso a leokwane a Nokeng kwa Martin’s Drift ba robaditswe kwa kokelong ya Palapye ba sena go amiwa ke legadima.

Mogolwane wa mapodisi a e seng a seaparo, Superintendent Jimson Baakile o tlhalositse gore bararo joo bo a sidilega.

Supt Baakile a re badiri bao ba tlhagetswe ke seru seo ba le mo tirong ka Matlhatso tshokologo.

A re badiri bao, ke bomme ba le babedi ba dingwaga tse di masome mabedi le boraro le monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro.

O supile gore morago ga go betswa ke legadima, ba ne ba ragosediwe kwa kokelwaneng ya Lerala ba idibetse, mme morago ba fetisediwa kwa Palapye, kwa ba sidilegang ba le teng.

Supt Baakile o tsweletse a supa gore mapodisi a tshwenngwa segolo bogolo ke dikgang tsa go betelela bomme mo kgaolong ya Mahalapye.

 O supile gore morago ga letsatsi la ditlhopho, mapodisi mo kgaolong ya sepodisi ya NO 16, a amogetse kgang ya petelelo le tse pedi tsa go dirisa bana botlhaswa mo tlhakanelong dikobo.

Rre Baakile a re mapodisi a Shoshong a gatisitse kgang ya thubetso e e diragaletseng kwa masimong a Matlhabanelo.

A re mme wa dingwaga tse di masome mararo le boraro o begetse mapodisi gore o beteletswe ke moratiwa wa gagwe wa pele a le ka fa tlase ga kgatelelo ya nnotagi.

Kwa Martin’s Drift gone, Supt Baakile a re bana ba basetsana ba le babedi ba dingwaga tse di lesome le bone le lesome le borataro ba dirisitswe botlhaswa mo tlhakanelong dikobo ke borre ba dingwaga tse di lesome le borobabongwe.

Rre Baakile o kopile batsadi go ema ka dinao ba kgaleme bana, ka go senogile mo ditlhotlhomisong gore bana bao ba diragaletswe ke seemo se ba le mo boitaolong ka go ne go lebega ba ntse ba seyo mo lapeng.

“Ke ka rotloetsa botsadi go laola bana ba bone kwa malwapeng go hema diemo tse,” ga tlhalosa Rre Baakile.

E re dikgang di eme jalo, mookamela mapodisi a District NO 16, Senior Superintendent Ditshweu Mphoeng o lebogetse boitshwaro jo bontle ka nako ya ditlhopho.

“Ka lesego, letsatsi la ditlhopho le tsamaile sentle, go sena dikgoreletsi dipe,” ga tlhalosa Rre Mphoeng.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 31 Oct 2019