Breaking News

Leuba le apesitse barui kobo ka letshoba

30 Oct 2019

Leuba la monongwaga le tsisitse dikgwetlho tse di farologaneng mo matshelong a Batswana, segolo jang balemi-barui.

Go bolelwa fa komelelo ya monongwaga e buseditse maiteko a balemi kwa morago.

Mme Mmaphiri Pule, yo o abetsweng dipodi tse di namagadi di robabobedi le phoko ka lenaneo la nyeletso lehuma kwa Tlokweng ka 2018, a re dipodi di ne tsa ata, mme tsa nna masome a mabedi le botlhano.

O boletse fa se, se ne sa dira gore a nne le tsholofelo ya gore dipodi tsa gagwe di tlaa mo ntsha mo lehumeng.

Le fa go ntse jalo, leuba le simolotse go kokonela leruo le.

Mme Pule a re dipodi tsa gagwe di setse di omeletse mabele, mo di sa kgoneng go amusa, mme seo se baka go swa ga dipotsane di sa le dinnye. A re o ne a bona go tshwanela gore a rekele dipotsane tsa gagwe mashi, le fa a rekwa boturu. Mme Pule a re o dirisa madi a a ka bong a thusa lelwapa la gagwe go tswa mo lehumeng go boloka dipotsane, ka tsholofelo ya gore e tlaa roba sengwe isago. O tlhalositse fa dipotsane di setse di sa mo tsenye dingalo, a tlatsa ka gore o di amusa gabedi ka letsatsi.. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gorataone Mmolotsi

Location : Gaborone

Event : Polelo

Date : 30 Oct 2019