Breaking News

Bonatla le boineelo konokono mo temong

30 Oct 2019

Rre Gaorelathe Tape, monana wa molemi kwa Mmashoro, ke mongwe wa ba ba dumelang gore go fitlhelela ditoro go batla bonatla.

E re le ntswa a ise a fitlhelele gotlhe mo a go eletsang mo kgwebong ya gagwe ya temo, Rre Tape a re o a nametsega ka erile a simolola ka 2016, a ipapatsa mo marekisetsong mangwe mme o ne a atlega.

A re o lema merogo ee akaretsang beetroot, kwii, tamati le green pepper mo selekanyong sa tema tse pedi, mme a e fetola go ya ka dipaka. Mo nakong e, Rre Tape o baakanyetsa go lema dinamune.

Rre Tape, yo o dingwaga di 38, o tlhalositse fa leeto la gagwe mo temong le thaegile morago ga gore tiro e a neng a e bereka e tle kwa bokhutlong mme kakanyo e e neng ya mo tlela, ya nna go sala morago kgatlhego e a neng a na nayo mo temong.

A re o berekile meepo ka go farologana mme a lemoga fa a sena lerato mo tirong eo.

Ka o sa je nkabo, Rre Tape a re o ne a reka tshimo, a epa sediba a bo a reka tse di tlhokegang mo temong ya nosetso.

A re o ne a hira rre mongwe yo o nang le boitseanape jwa temo mme a mo thusa. O supile fa mo nakong eno a hirile babereki ba le babedi ba sennelaruri mme a hira ba bangwe ba e seng ba sennelaruri fa a roba.

A re fa a simolola, o ne a lema mmidi mme wa dira sentle fela thata ka a ne a bona dipoelo tse di botoka mo jaanong a neng a tia moko.

Rre Tape a re mo mosepeleng o mokhutshwane o a setseng a o tsere mo temong, o lemogile fa temo e batla gore mong a bo a le foo, go bona se se diragalang.

A re go sa dira jalo, motho o felela a sa lemoge fa go na le bothata le gore o ka tila bothata joo jang. A re yaare go lengwa a bo a le teng o tshwaraganetse tiro le ba a ba hirileng.

Rre Tape o tlhalositse fa temo ya kgwebo e le turu le ditsompelo tsa yone le di le turu mo lefatsheng leno mo a felelang a di reka kwa Aferika Borwa. 

A re temo e a berekwa ebile e batla senatla e seng go latlhelelwa.

A re o eletsa fa lenaneo la temo ya maungo la ISPAAD le ka fetolwa gore balemi bao ba thusiwe ka ditsompelo tse di tlhokafalang. Rre Tape o supile fa balemi ba lefatshe leno ba na le lefatshe le ba ka le dirisang mme mathata e le gore ga ba tlhoafalele temo le fa puso e dira maiteko a go ba thusa ka go ba lemela.

O ne gape a re balemi ba tshwanelwa ke go buisanya gore ba leme dijwalo tse di farologaneng gore ba kgone go bona mmaraka wa ko ba rekisetsang teng.

Rre Tape o gakolotse balemi go simolola temo ka madi a bone fa ba kgonang teng go na le gore ba adime madi ka temo e tshabelelwa ke dilo di le dintsi di tshwana le dibetso tsa tlholego le malwetsi a a farologaneng.

. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Mmashoro

Event : Polelo

Date : 30 Oct 2019