Breaking News

Mogodi o fitlhetswe a tlhokafetse

29 Oct 2019

Mosadi wa dingwaga tse di masome marataro le bosupa (67) wa motse wa West Hanahai  o fitlhetswe a tlhokafetse morago ga pego ya gore ga a bonwe.

Mo potsolotsong le BOPA, ramapodisi wa kgaolo ya Ghanzi, Superintendent Modiro Lekone o tlhalositse fa e rile  ka Matlhatso ba amogela pego ya gore mosadimogolo mongwe ga a bonwe.

A re go ne ga begwa gore o bonwe labofelo kgwedi eno e le masome mabedi le bone morago ga dithopho.

Morago ga go amogela pego e, a re ba ne ba bolotsa letsholo le ba neng ba le kopanetse le morafe la patlo ya gagwe, mme ba mmona ka Tshipi a tlhokafetse mo sekgweng.

Rre Lekone a re setopo sa gagwe se se neng se ise se senyege, se bonwe dikhilomithara di ka fera bongwe go ya kwa go tse di lesome go tswa mo West Hanahai.

A re go belaelwa fa mme yo, a ka tswa a sule fela ka jaana a se na dipe dikgobalo  kgotsa matsadi mo mmeding.

A re go lebega fa mosadimogolo  yo, a ne a latlhegelwa ke tsela ya go ya lwapeng, mme a ratha sekgwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Ghanzi

Event : Potsoloso

Date : 29 Oct 2019