A thulwa ke koloi a tlhokafala
29 Oct 2019
Monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro wa kgotla ya ga Pudumo kwa Kanye o thudilwe ke koloi mo tseleng ya Jwaneng/Kanye ka Tshipi fa makgabaganyong a tsela fa Sesung.
Mogolwane wa mapodisi a Sejelo, Superintendent Mogomotsi Matlapeng a re ba ne ba begelwa kotsi letsatsi lone leo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome a mane le bongwe go belaesegang a ne a thula a bo a gobatsa yo mongwe.
Superintendent Matlapeng a re rre yoo, yo o neng a tsamaya ka dinao, o ne a bona dikgobalo tse di masisi mme a tlhokafala kwa kokelong ya Jwaneng mo letsatsing le le latelang.
Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : Kanye
Event : Potsoloso
Date : 29 Oct 2019