Dikwarantini di ne di thusa thata
21 Jan 2013
Mopalamente wa Ngami, Rre Taolo Habano o gwetlhile puso go tsosolosa tiriso ya dikwarantini kwa kgaolong ya Nhabe go leka go laola seemo sa kanamo ya bolwetse jwa tlhako le molomo.
O buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Etsha, Gumare, Nokaneng le Tubu bosheng. Mopalamente o rile go lebega puso e dirisitse ditsela di le mmalwa go leka go lwantsha bolwetse jo mo kgaolong ya Nhabe, go akarediwa kago ya terata e e kgaoganyang leruo le diphologolo tsa naga, go kenta dikgomo gabedi ka ngwaga mme go sa tswe maduo a nametsang.
A re ka nako ya tiriso ya dikwarantini, dikgomo tsa bone di ne di tsaya malatsi a le masome a mabedi le motso mo kwarantining go tlhatlhobiwa. Rre Habano a re e ya re mo lebakeng leo, fa dingwe di ka fitlhelwa ka ka bolwetse di alafiwe pele di fetisetswa kwa matlhabelong a BMC, selo se a re mo nakong eno se emisitswe.
A re ka jalo, puso e tshwanetse go ikgata motlhala go busetsa tiriso ya dikwarantini mo kgaolong ya Nhabe. Mopalamente Habano a re, go ya ka ditso tsa kgaolo ya Nhabe, dikwarantini di sa le di tlhomilwe ka ngwaga tsa bo1932 go leka go sireletsa bolwetse mo leruong go lebilwe popego ya kgaolo ya Nhabe.
O tlhalositse gore mo nakong eno dikwarantini tsa kgaolo ya Nhabe tse supa di setse di fetogile matlotla ka di sa dirisiwe. Banni ba ne ba atla mogopolo wa gagwe, fela ba gwetlha puso go ba batlela mmaraka o ba ka rekisang dikgomo tsa bone teng gore ba kgone go itshetsa. ENDS
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimune
Location : Gumare
Event : Kgotla Meeting
Date : 21 Jan 2013






