Breaking News

Ngwao boleng jwa setshaba

27 Aug 2013

Batswana ba rotloeditswe go tshegetsa ngwao ya bone ka e le yone e supang boleng jwa gore ke Batswana. E rile Kgosi Rapula Rantabe wa Oodi a bua kwa moletlong wa sekole se segolwane sa Oodima mo bekeng e e fetileng, a tlhalosa fa ngwao e le botlhokwa mo matshelong a batho ka e kaya ka fa morafe o tshelang ka teng.

Kgosi Rantabe a re Batswana ga ba a tshwanelwa go tlhabisiwa ditlhong ke ngwao ya  bone mme ba siya le dingwao tsa mafatshe a sele. Kgosi a re moletlo o, o setlhogo sa one se neng  se re ‘Ngwao ya me, boleng jwa me’ o tla ka nako e e tshwanetseng ka bana ba sesha ba sa kgatlhegele ngwao ya bone mme boleng jwa bone le jone bo nyelele.

A re ka jalo batsadi ba na le seabe se segolo mo go rurifatseng gore bana ba bone ba ithuta ngwao gore ba tle ba itlhaloganye gore ke bomang. Kgosi Rantabe a re ngwao ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe, ka jalo ngwao ya Setswana le merafe ka go farologana ba tshwanetse ba tsaya tsia bokao le popego ya yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Mochudi

Event : Moletlo wa sekole

Date : 27 Aug 2013