Makgato o rotloetsa botsogo jo bo phepa
21 Oct 2019
Tona wa Dipalamo le Ditlhaeletsano, Mme Dorcas Makgato, a re botsogo le boitekanelo jo bo lolameng bo thusa puso go fokotsa kago ya dikokelo le dikokelwana, mme madi ao a dirisiwe mo ditirelong tse dingwe tsa ditlhabololo.
O buile se fa a ne a buisana le baithuti le bodiredi kwa sekoleng sa ithutelo tiro ya diatla kwa Chadibe bosheng.
Mme Makgato a re botsogo ke khumo e tona e motho a tshwanelwang ke go ikgantsha ka yone.
O ne a tlhalosa gore fa motho a sa itekanela mo tlhaganyong o tlhoka tlhokomelo e e faphegileng gore a sidilege maikutlo le tlhaloganyo.
Mme Makgato a re ka nako e nngwe motho o nna mo kgatelelong ya maikutlo, segolo jang kwa ditirong ka e le gone kwa bontsi bo nnang nako e ntsi teng, mme seo se tlhoke gore a tlamelwe sentle gore a wele maikutlo.
A re itshidilo mmele ke sengwe sa tse di ka thusang motho go itekanela mo mmeleng, maikutlo le tlhaloganyo.
Tona Makgato a re itshidilo mmele e ka thusa go ntsha maduo kwa tirong le gone go tokafatsa itsholelo ya lefatshe.
A ne gape a gatelela botlhokwa jwa go ja sentle.
A re ka nako e nngwe motho o kgona go sa laola maikutlo a gagwe, mme seo se bake gore a felele a dira tse di sa tshwanelang tsa bolalome, e le yone kgatelelo ya maikutlo.
A re kgatelelo ya maikutlo e ka ama maduo kwa ditirong le gone kwa malwapeng,.
Inspector Gaonyalelwe Oatlhotse go tswa kwa Machaneng ene a re tiriso ya ditagi e ama maikutlo a motho le boitekanelo jwa tlhaloganyo, mo go ka felatsang go isa motho kwa kokelong ya balwala tlhaloganyo.
Inspector Oatlhotse a re go tsewa menwana ka ntlha ya borukutlhi go ka senyetsa motho bokamoso fa a ntse a gola.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Colt Tshwene, o ne a rotloetsa gore batho fa ba le golo go le gongwe ba nne le maikaelelo a ba batlang go a fitlhelela ba le setlhopha gore ba kgone go ntsha maduo a a letlelesegang. BOKHUTLO
Rre Tshwene a re ba ka kgona seo ka go emana nokeng kana go rotloetsana, go abelana megopolo le go nna le setlhopha se se tshwaraganeng e bile se na le tirisano mmogo.
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : CHADIBE
Event : POTSOLOTSO
Date : 21 Oct 2019