Khama o kopela Keleeme tlhopho kwa Mmadinare
21 Oct 2019
Rre Tshekedi Khama o kopile banni ba Mmadinare go tlhopha Mme Felicity Keleeme wa Botswana Patriotic Front (BPF) ka a le boikanyego e bile a itse matshwenyego a batho ba Mmadinare.
Fa a rola ntlhopheng yo wa bopalamente kwa Mmadinare ka Tshipi, Rre Khama, yo eleng leloko la BPF, o ne a bolela fa Mme Keleeme a na le dithuto tse di faphegileng mme a ka kgona go emela dikeletso tsa batho ba Mmadinare.
Rre Khama a re pathi ya gagwe e eletsa go bona Batswana ba tshela botshelo jo bo botoka mme e ikaelela go tlhamela Batswana diphatlha tsa mebereko.
A re go a tshwenya gore pathi e e busang ya Botswana Democratic Party (BDP) e be e palelwa ke go bula moepo wa BCL gore ba ba neng ba latlhegetswe ke ditiro ba boele mo ditirong tsa bone gape.
A re BDP e itlamile go busetsa babereki ba ba neng ba kgaotswe mo ditirong morago ga ngalo ditiro mme e palelwa ke go dira jalo ka babereki ba moepo wa BCL.
Fa a tswa la gagwe, mothusa moeteledipele wa phathi BPF, Mme Caroline Lesang, o kopile bomme s go tlhopha mme jaaka bone. A re bomme ba ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo go feta borre mme ga ba nke ba tlhopha bomme jaaka bone.
A re Mme Keleeme o tshwanelwa ke go isiwa palamenteng go ya go tsholetsa lentswe la bomme gore dikgwetlho tse di ba amang di begwe kwa palamenteng, segolo jang ka a di tlhaloganya botoka.
Mme Lesang a re phathi ya gagwe e itlama go tokafatsa tsa botsogo, a tlatsa ka gore phathi e e busang e paletswe ke go fa Batswana ditirelo tsa botsogo tse di botoka ka lefatshe leno le santse le na le tlhaelo ya dingaka le melemo.
A re BPF e ya go tlhabolola tsa temo-thuo le ditsela e bo e fokotsa dingwaga tse bagodi ba amogelang ka tsone go tswa kwa go masome marataro le botlhano go ya ko go masome marataro.
Fa a tswa la gagwe, Mme Keleeme o ne a kopa banni ba kgaolo ya Mmadinare go mo ema nokeng.
A re fa ba ka mo roma, ba tlaa bo ba romile moemedi wa nnete yo itseng tsamaiso ya nnete, a tlatsa ka gore phathi ya BPF e tlhametswe mo tumelong.
O kopile banni ba Mmadinare go tshepha BPF ka e na le kemonokeng ya bogosi.
Mme Keleeme a re ga gona lepolotiki lepe le le nang le morafe a tlhalosa fa dikgosi e le tsone fela tse di nang le morafe.
A re phathi ya gagwe e ikaelela go tsisa kgololesego le tsamaiso ya nnete ee tsayang batho ka tekatekano. O rotloeditse banana go tlhopha ka dipalo tse di kwa godimo, a tlatsa ka gore moroto wa esi ga o ele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : MMADINARE
Event : Phuthego sa polotiki
Date : 21 Oct 2019